1E rile ka ngwaga wa 17 wa ga Peka morwa Remalia, Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta a simolola go busa.
2E rile Ahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka Dafite rraagwe.
3 Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, ee, a ba a ralatsa morwawe molelo ka fa mekgweng e e makgapha ya baditšhaba, ba Jehofa o kileng a ba kgorometsa fa pele ga bone Baiseraele.
4O ne a tle a ise ditlhabelo a fise maswalo mo mafelong a a tlotlometseng, le mo godimo ga dithaba, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.
5 Foo Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele ba ya kwa Jerusalema ba le ntwa; mme ba tlhasela Ahase, mme ba retelelwa ke go mo fenya.
6Ya re ka lobaka loo, Resine kgosi ya Siria, a ba a gapa Elathe, a o busetsa mo Siria, a leleka Bajuta mo Elathe; Basiria ba tla mo Elathe ba aga gone nako e sa le eno.
7Jalo Ahase a roma batho ba ya kwa go Tigelathe-pilesere, kgosi ya Asiria, a re: “Ke motlhanka wa gago, ke bile ke morwao; tla o nkgolole mo seatleng sa kgosi ya Siria, le mo seatleng sa kgosi ya Iseraele ba ba ntsogologetseng.”
8Ahase a tsaya selefera le gouta tse di fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi, a di isa kwa kgosing ya Asiria e le neo fela.
9Kgosi ya Asiria ya mo reetsa; mme kgosi ya Asiria ya bololela Damaseko, ya o gapa, ya isa batho ba gone kwa Kire ba golegilwe, ya ba ya bolaya Resine.
10Kgosi Ahase a ya kwa Damaseko a ya go kgatlhantsa Tigelathe-pilesere kgosi ya Asiria, mme a bona sebeso se se mo Damaseko, mme kgosi Ahase a isa kwa go Urija moperesiti setshwantsho sa sebeso le sekao sa sone, ka fa modirong otlhe wa sone.
11Urija moperesiti a aga sebeso sengwe, jaaka tsotlhe tse kgosi Ahase o ne a di rometse kwa go ene di tswa kwa Damaseko. Urija moperesiti a se dira jalo go tla se fitlhelwa ke kgosi Ahase fa a boa kwa Damaseko.
12E rile kgosi e boa kwa Damaseko, ya bona sebeso; ya atamela kwa sebesong ya isa tlhabelo mo go sone.
13A fisa tshupelo ya gagwe e e fisiwang, le tshupelo ya gagwe ya boupe, mme a thela tshupelo ya gagwe e e nowang, a ba a kgatsha madi a ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso mo sebesong.
14 Sebeso sa kgotlho se se fa pele ga Jehofa, a se tlosa fa pele ga ntlo, go tswa fa gare ga sebeso sa gagwe le ntlo ya ga Jehofa, a se potisa sebeso sa gagwe ka kwa ntlheng ya botsheka.
15Kgosi Ahase a laola Urija moperesiti a re: “Mo sebesong se segolo o fise tshupelo e e fisiwang ya moso, le tshupelo ya boupe ya maitsebowa, le tshupelo e e fisiwang ya kgosi, le tshupelo ya yone ya boupe, le tshupelo e e fisiwang ya batho botlhe ba lefatshe, le tshupelo ya bone ya boupe, le ditshupelo tsa bone tse di nowang; o bo o kgatshe mo go sone madi otlhe a tshupelo e e fisiwang, le madi otlhe a setlhabelo. Mme sebeso sa kgotlho e nne sa me fela go botsa ka sone.”
16Urija moperesiti a dira jalo jaaka, tsotlhe tse kgosi Ahase o di laotseng.
17 Kgosi Ahase a kgaola masinamelo a ditlhomo, a tlosa mogopo wa botlhapelo mo go tsone; a pagolola “lewatle” mo dikgomong tsa kgotlho tse di ne di le tlase ga lone, a le baya mo bophaphatlhong jwa matlapa.
18Tsela e e ruletsweng seloobo ya Sabata, e ba ne ba e agile mo ntlong, le botseno jwa kgosi jwa kwa ntle, a di faposetsa go ya kwa ntlong ya ga Jehofa ka ntlha ya kgosi ya Asiria.
19Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Ahase tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
20 Mme Ahase a robala le borraagwe, a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; mme Hesekia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.