2 SAMUELE 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Diphenyo tsa ga Dafite tsa dintwa(1 Ditiraf 18:1-17)

1Morago ga moo Dafite a kgemetha Bafilisitia, a ba fenya; Dafite a tlosa taolo ya motse o mogolo mo seatleng sa Bafilisitia.

2A kgemetha Bamoabe, a ba lekanya ka mogala a ba laditse fa fatshe; a lekanya selekanyo sa megala e le mebedi ya go bolaya, le ka mogala o le mongwe fela o o tletseng wa go phedisa. Mme Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Dafite, ba lere dikabelo.

3Dafite a kgemetha le ene Hatatesere morwa Rehobe, kgosi ya Soba, ka a ya go ba a itseela puso ya gagwe kwa Nokeng.

4Dafite a gapa mo go ene bapalama dipitse ba le 1 700, le ba dinao ba le 20 000; dipitse tsotlhe tsa dikara tsa tlhabano Dafite a di kgaola mesifa, a sadisa mo go tsone tse di lekanyeng dikara di le lekgolo.

5E rile Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafite a kgemetha Basiria, banna ba le 22 000.

6Foo Dafite a baya ditlhopha tsa masole mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna batlhanka ba ga Dafite, ba lere dikabelo. Jehofa a naya Dafite phenyo gongwe le gongwe kwa o yang gone.

7Dafite a tsaya dithebe tsa gouta tse di ne di le mo batlhankeng ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema.

8Kwa Beta le kwa Berothai, metse ya ga Hatatesere, kgosi Dafite a tsaya kgotlho e le kgolo thata gone.

9E rile Toi kgosi ya Hamathe a utlwa fa Dafite a kgemethile ntwa yotlhe ya ga Hatatesere,

10foo Toi a roma Jorame morwawe kwa go kgosi Dafite, a ya go mo dumedisa le go mo segofatsa, ka a tlhabanye le Hatatesere a mo kgemethile; gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Toi. Jorame a tla a tshotse dilwana tsa selefera, le dilwana tsa gouta, le dilwana tsa kgotlho;

11le tsone dilo tseo Dafite a di tshwaela Jehofa, di na le selefera le gouta tse o di mo tshwaetseng tsa merafe yotlhe e o ntseng a e fenya;

12tsa Siria le tsa Moabe, le tsa bana ba Amone, le tsa Bafilisitia, le tsa Amaleke, le tsa kgapelo ya ga Hatatesere, morwa Rehobe, kgosi ya Soba.

13 Dafite a inaya leina ka a bowa kwa go kgemetheng Basiria mo molapong wa Letswai, e bong batho ba le 18 000.

14A baya ditlhopha tsa masole mo Etome; mo lefatsheng lotlhe la Etome a baya ditlhopa tsa batlhabani, mme Baetome botlhe ba nna batlhanka ba ga Dafite. Jehofa a naya Dafite phenyo gongwe le gongwe kwa o yang gone.

15Dafite a busa Baiseraele botlhe; Dafite a direla batho botlhe ba gagwe katlholo le tshiamiso.

16Joabe morwa Seruja e ne e le molaodi wa ntwa; Jehošafate morwa Ahilute e le mokwadi wa ditiralo;

17Satoke morwa Ahitube, le Ahimeleke morwa Abiathare, e le baperesiti; le Seraia e ne e le mokwaledi;

18Benaia morwa Joiata, e le molaodi wa Bakerethe le Bapelethe; bomorwa Dafite e le dikala tse dikgolo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help