BAHEBERE 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe, ka a tsewa mo bathong, o beelwa batho mo dilong tse e leng tsa Modimo, gore a isetse dibe dineo le ditlhabelo.

2E le yo o ka neneketsang ka bonolo ba ba sa itseng, le ba ba timelang, ka le ene ka esi a dikanyeditswe ke bokoa.

3 Ka ntlha ya gone moo, o na le go ikisetsa setlhabelo jaaka a tle a isetse dibe tsa batho.

4 Ga go motho ope yo o inayang tlotlo e, fa e se mogang o bidiwang ke Modimo, fela jaaka Arone a biditswe.

5 Go ntse jalo, Keresete le ene, ga a ka a ikgalaletsa go dirwa moperesiti yo mogolo, mme ke one o o buileng nae wa re:

“O Morwaake,

ke go tsetse gompieno,”

6 le jaaka a bile a buile mo felong go gongwe a re:

“O moperesiti ka bosakhutleng,

ka fa mokgweng wa ga

Melekiseteke.”

7 (E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe;

8le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng.

9Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang,

10a rewa ke Modimo leina go twe, Moperesiti yo mogolo ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.

Tlhagiso kgatlhanong le go tlogela tumelo

11Yo re nang le dilo di le dintsi go di bua ka gagwe, le tse di thata go phuthololwa, ka lo setse lo kabetse ditsebe.

12 Gonne fa e le ka ga lobaka, lo bo lo tshwanetse lwa bo ne ne fano lo le baruti, mme lo bile lo sa ntse lo tlhoka gore bangwe ba lo rute ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo; lo bile gape lo ba ba tshwanetsweng ke maši, e seng ke dijo tse di loileng.

13Gonne mongwe le mongwe yo o fetšwang ka maši ga a na tlwaelano le lefoko la tshiamo; gonne ke ngwanyana fela.

14Dijo tse di loileng ke tsa banna ba ba godileng, e bong bone ba e a reng ka ba ntse ba dira, maikutlo a bone a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help