PESALEMA 116 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Malebogo a yo o golotsweng mo losong

1Ke rata Jehofa,

gonne o utlwile lentswe la me,

le mekokotlelo ya me.

2Ka a ntshekegetse tsebe ya gagwe,

ke gone ke tlaa nnang ke mmitsa

ka ke sa ntse ke tshedile.

3Dikgole tsa loso

di ne di ntsentse gare,

matlhoko a Bobipo a ntshwere;

ka bona tlalelo le bohutsana.

4Foo ka bitsa leina la ga Jehofa;

ka re: “Jehofa, ke a go rapela,

golola mowa wa me.”

5Jehofa o pelotshweu, o tshiamo;

ee, Modimo wa rona

o kutlwelobotlhoko.

6Jehofa o boloka

ba ba sa tlhalefang;

ke ne ke ngotlilwe,

mme a mpoloka.

7Boela mo boikhutsong jwa gago,

wena mowa wa me,

gonne Jehofa o go diretse sentle

ka mo go feteletseng.

8Gonne o golotse mowa wa me

mo losong,

le matlho a me mo dikeleding,

le dinao tsa me gore ke se we.

9Ke tlaa sepela fa pele ga Jehofa

mo lefatsheng la batshedi.

10 Ke a dumela, gonne ke tlaa bua:

“Ke ne ke patikegile thata;”

11ka bua mo go potlakeng ga me,

ka re:

“Batho botlhe ke maaka fela.”

12Ke tlaa ntshetsa Jehofa eng

ka ntlha ya masego otlhe a gagwe

a o a ntiretseng?

13Ke tlaa tsaya senwelo sa poloko,

mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa.

14Ke tlaa lefela Jehofa maikano a me,

ee, fa pele ga batho botlhe

ba gagwe.

15Loso lwa baitshepi ba gagwe

lo tlotlega thata

mo matlhong a ga Jehofa.

16Jehofa, ruri ke motlhanka wa gago;

ke motlhanka wa gago,

ke ngwana wa lelata la gago;

o hunolotse dikgolego tsa me.

17Ke tlaa go isetsa

setlhabelo sa tebogo,

mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa.

18Ke tlaa lefela Jehofa maikano a me,

ee, fa pele ga batho botlhe

ba gagwe;

19mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa,

mo gare ga gago, wena Jerusalema.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help