MORERI 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dikakanyo tsa botshelo

1 Leina le le molemo

le gaisa setlolo se se tlhokegang;

le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi

le motho o tsetsweng ka lone.

2Go molemo go tsena mo ntlong

ya khutsafalelo bogolo go go tsena

mo ntlong ya ditlhapelo;

gonne moo ke gone bokhutlo

jwa batho botlhe; mme motshedi

o tlaa go baya mo pelong.

3Bohutsana bo molemo bogolo go

ditshego;

gonne pelo e itumedisiwa ke

sefatlhogo se se tlhontseng.

4Dipelo tsa ba ba botlhale

di mo ntlong ya khutsafalelo;

mme pelo tsa dieleele

di mo ntlong ya ditlhapelo.

5Go molemo mo mothong

go utlwa kgalemo ya ba botlhale,

bogolo go go utlwa pina ya dieleele.

6Gonne jaaka thathanyego ya mitlwa

fa tlase ga pitsa,

ditshego tsa seeleele di ntse jalo;

se le sone ke boithamako.

7Gonne boikgagapelelo

bo fetola motho yo o botlhale

seeleele; le go okwa ka madi

go senya tlhaloganyo.

8Bokhutlo jwa selo bo molemo

bogolo go tshimologo ya sone;

mme yo o pelotelele mo moweng

o molemo bogolo go yo o

boikgodiso mo moweng.

9 O se ka wa potlaka mo moweng

wa gago go nna bogale;

gonne bogale bo nna mo sehubeng

sa dieleele.

10O se ka wa re: “Ke ka ntlha yang

metlha ya pele e ne e gaisa eno?”

Gonne ga o botse ka botlhale ka ga

selo se.

11Botlhale bo molemo fela jaaka

boswa;

ee, bo molemo bogolo

mo go bone ba ba bonang letsatsi.

12Gonne botlhale ke phemelo,

fela jaaka madi e le phemelo;

molemo o o gaisang wa kitso,

ke go re botlhale bo boloka botshelo

jwa yo o nang najo.

13Akanya tiro ya Modimo;

gonne e mang yo o ka siamisang

sone se o se sokamisitseng?

14O nne boitumelo mo motlheng wa tlhogonolofalo, mme mo motlheng wa pitlagano o akanye; Modimo o bapisitse motlha o mongwe le o mongwe, gore motho a tle a se ka a lemoga sepe se se tlaa nnang morago ga gagwe.

15Dilo tse tsotlhe ke di bonye mo metlheng ya boithamako jwa me; go na le motho yo o siameng yo o swelang mo tshiamong ya gagwe, mme go na le motho yo o boikepo yo o gololang botshelo jwa gagwe mo go direng bosula ga gagwe.

16O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?

17O se ka wa nna boikepo jwa mo go feteletseng, le gone o se nne boeleele; ana o ka bo o swelang e ise e nne motlha wa gago.

18Go molemo gore o tshware selo se; ee, le gone o se ka wa ikgogona mo go sele; gonne ene yo o boifang Modimo o tlaa tswa mo go tsone tsotlhe.

19Mo mothong yo o botlhale, botlhale ke thata e e gaisang balaodi ba le some ba ba mo motseng.

20Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.

21Gape o se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang; o ka tla wa utlwa motlhanka wa gago a go roga;

22gonne le yone pelo ya gago e a itse fa le wena ka wesi o rogile batho ba bangwe gantsi.

23Gotlhe mo ke go lekile ka botlhale; ke rile: “Ke tlaa nna botlhale;” mme ga nna kgakala le nna.

24Sone se se kwa kgakala, le se se boteng jo bo feteletseng; e mang yo o ka se lemogang?

25Ka retologa, mme pelo ya me ya tlhongwa gore e tle e itse, e kheleise, e batle botlhale, le go itse ka fa dilo di ntseng jaaka di ntse ka gone; le go itse fa boikepo e le boeleele, le gore boeleele ke botsenwa.

26Ke fitlhela sengwe se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo pelo ya gagwe e leng diru le ditloa, yo diatla tsa gagwe di ntseng jaaka dikgole; mongwe le mongwe yo o kgatlhang Modimo o tlaa falola mo go ene; mme moleofi o tlaa tshwarwa ke ene.

27Bonang ke bonye se, go bua Moreri; ke ntse ke bapisa sengwe le se sengwe, go tla ke lemoga ka fa go ntseng ka gone,

28se mowa wa me o sa ntseng o se batla, se ke iseng ke se bone; yo e leng monna tota a le mongwe fela mo go ba ba makgolo a some ke mmonye; mme mo go bao botlhe, yo e leng mosadi ene tota, ga e se ke mmone.

29Bonang, ke bonye se, se le sosi, go re Modimo o dirile motho a thokgame; mme ba senkile maano a le mantsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help