PESALEMA 55 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go senya ba ba bosulaMasekile wa ga Dafite. Pina ya moopedi yo mogolo, mo diletsong tse di ditlhale.

1Sekegela morapelo wa me tsebe

Modimo; o se ka wa iphitlhela

mokokotlelo wa me.

2Nkela tlhoko, o nkarabe;

ke tlabatlaba mo go itokeng ga me,

ke a duma;

3ka ntlha ya lentswe la mmaba,

ka ntlha ya patiko ya baikepi;

gonne ba latlhela boikepo

mo go nna,

ba mpogisa ka bogale.

4Pelo ya me e tlhokofaditswe thata

mo teng ga me;

le ditheregiso tsa loso di nkwetse.

5Go boifa le go roroma go tsile

mo go nna;

le go tshoga mo go be

go nkhurumeditse.

6Ka ba ka tla ka re:

“Ija! Ke ka bo ke na le diphuka

jaaka lephoi!

Foo ke ne ke tlaa fofela koo,

ke tsamaya ke nna kwa boikhutsong.

7Bonang,

jalo ke ne ke tlaa timelela kgakala,

ke ne ke tlaa nna nna

mo nageng. Sela.

8Ke ne ke tlaa itlhaganelela

botshabelonyana,

ke tshaba matsubutsubu a phefo

le ledimo.”

9Morena, senya,

o fatole loleme lwa bone;

gonne ke bonye go thubaka

le go lwa mo motseng.

10Motshegare le bosigo

ba dikologa mo dithakong tsa one;

boikepo bo mo gare ga one

le bosenyi.

11Tshiamololo e mo gare ga one;

patiko ga e tloge le boferefere

mo mebileng ya one.

12Gonne yo o neng a nkgoba

e ne e se mmaba;

fa go ne go ntse jalo

nka bo ke go itshoketse,

le gone yo o neng a inkgodisetsa

e ne e se yo o nkilang,

fa go ne go ntse jalo

nka bo ke mo iphitlhetse;

13mme e ne e le wena monna,

molekane wa me, kala ya me,

le tsala ya me e ke itsanyeng nayo.

14Re ne re tle re gakololane mmogo

mo go monate,

ra tsamaya mo ntlong ya Modimo

re na le tshobokano ya batho.

15A ba welwe ke loso ka tshoganetso,

a ba fologele mo moleteng

ba sa ntse ba utlwa;

gonne boikepo bo mo boagong jwa

bone mo gare ga bone.

16Ka ga me, ke tlaa bitsa Modimo;

mme Jehofa o tlaa mpoloka.

17Ke tlaa itoka, ke duma,

maitseboa le ka moso,

le motshegare,

mme o tlaa utlwa lentswe la me.

18O golotse mowa wa me ka kagiso

mo tlhabanong e e neng e mphenya;

gonne ba ba lwang le nna

ba ne ba le bantsi.

19Modimo o tlaa utlwa,

o ba o ba patika,

e bong one o o sa leng o nna

bogologolo, Sela,

ke go re, banna ba ba se nang

diphetogo, mme ba boifa Modimo.

20Ba ba neng ba agisantse nae

monna yo, o ba ntsheditse mabogo

go tlhabana nabo;

o tlhapaditse kgolagano ya gagwe.

21Legano la gagwe le ne le le borethe

jaaka mafura a serethe,

pelo ya gagwe yone e ne e le ntwa fela;

mafoko a gagwe a ne a gaisa

lookwane ka boleta,

le fa go ntse jalo e ne

e le ditšhaka fela tse di ekilweng.

22Latlhela morwalo wa gago mo go

Jehofa,

mme o tlaa go kokotletsa;

ga a ketla a leseletsa mosiami gope

go tshikinngwa.

23Mme wena, Modimo,

o tlaa ba folosetsa mo moleteng

wa tshenyegelo;

ba tsholola madi, le ba ba tsietsang,

ga ba ketla ba tshela ba swetsa

bontlha bongwe

jwa malatsi a bone;

mme nna ke tlaa ikanya mo go wena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help