PESALEMA 30 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Malebogo a go gololwa mo losongPesalema; sefela sa lobaka lwa neelo ya tempele.

1Ke tlaa go godisa Jehofa;

gonne o ntsholeditse,

ga o a ka wa naya baba ba me

gore ba itumele ka nna.

2Jehofa, Modimo wa me,

ke go ikuetse,

mme o mphodisitse.

3Jehofa, o tlhatlositse mowa wa me

mo Bobipong;

o ntse o ntshedisitse

gore ke se ka ka fologela mo moleteng.

4Opelelang Jehofa dipako,

lona baitshepi ba gagwe,

ntshetsang leina la gagwe

le le boitshepo malebogo.

5Gonne bogale jwa gagwe

bo ema ka ponyo ya leitlho fela;

mo tlhogonolofatsong ya gagwe

go botshelo;

go ka lala go le selelo bosigo,

mme e re ka moso

go bo go tle boitumelo.

6Ka ga me,

e rile mo go kokotlegeleng ga me,

ke buile, ka re: “Ga nketla

ke ba ke tshikinyega gope.”

7Wena, Jehofa, ka botsalano jwa gago

o tiisitse thaba ya me gore e eme

e nne thata;

o ne wa iphitlha sefatlhogo;

ka fuduega.

8Ka kuela koo go wena, Jehofa;

ka isa mekokotlelo kwa go Jehofa.

9“E tlaa re ke fologela mo moleteng,

madi a me a tlaa bo a na le

molemo ofe?

A lorole lo tlaa go baka?

A lo tlaa bolela boammaaruri

jwa gago?

10Utlwa, Jehofa,

o nkutlwele botlhoko;

Jehofa a e nne wena

mothusi wa me.”

11Selelo sa me o se mphetoletse pino;

o nkapotse letsela la kgetse,

o ntlamile ka boitumelo;

12e le gore kgalalelo ya me

e go opelele pako,

mme e se ka ya didimala.

Jehofa Modimo wa me,

ke tlaa go leboga ka bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help