DIANE 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1O se ka wa nna pelotshetlha ka ga batho ba ba bosula, le gone o se ka wa eletsa go nna nabo;

2gonne pelo ya bone e akanya go patika, le melomo ya bone e bua bosenyi fela.

3Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.

4Le matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.

5Monna yo o botlhale o nonofile; ee, monna wa kitso o kokotletsa nonofo.

6Gonne o tlaa epa dira tsa gago ka kgakololo e e tlhalefileng; le gone phenyo e tle e nne mo bontsing jwa bagakolodi.

7Botlhale bo tlodile lesilo kwa godimo; lone ga le ke le tswa molomo mo kgotleng.

8Yo o logang maano a go dira bosula, batho ba tlaa mmitsa sesenyi.

9Mogopolo wa seeleele ke boleo; le mosotli ke sefedisapelo mo bathong.

10Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.

11Golola bone ba ba isiwang kwa losong; le ba ba roromisiwang ke go ya go bolawa, o bo o gane ka bone.

12Fa o re: “Bona, re ne re sa itse se;” a ke go re ene yo o lekanyang dipelo makete, a ga a se akanye? Le yo o bolokang mowa wa gago, a ga a se itse? A ga a ketla a naya motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe?

13Morwaaka, o nne o je dinotshe, gonne di molemo; le lomepa lwa dinotshe lo lo utlwalang monate mo ganong la gago.

14O tlaa itse fa botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago; fa o bo bonye, foo go tlaa nna le tuelo; tsholofelo ya gago ga e ketla e kgaolwa.

15Moikepi, o se ka wa lalela boago jwa mosiami, se thope felo ga gagwe ga boikhutso;

16gonne motho yo o siameng o ka wa gasupa, mme a tsoge gape, mme baikepi ba ribegediwa ke tshenyego.

17O se ka wa itumelela mmaba wa gago fa a wa, a pelo ya gago e se ipele fa a ribegediwa;

18Jehofa o ka tla a go bona, mme ga mo kgopa, mme a faposa bogale jwa gagwe mo go ene.

19O se ka wa itshwenya ka ntlha ya badira bosula; le gone o se ka wa nna pelotshetlha ka ga baikepi;

20gonne motho yo o bosula ga a ketla a dirana le tuelo; le lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.

21Morwaaka, o boife Jehofa le kgosi; mme o se ka wa itlhakanya le ba ba tlhanoga-tlhanogang.

22Gonne tatlhego ya bone e tlaa tsoga ka tshoganetso; mme e mang yo o itseng tshenyego ya bone boo babedi?

23Tse le tsone ke dipolelo tsa botlhale:

Ga go molemo go gopola bomangmang jwa batho mo katlholong.

24Yo o rayang moikepi a re: “O siame;” batho ba tlaa mo hutsa, merafe e tlaa mo tlhoa;

25ba ba mo kgalemelang ba tlaa nna le boitumelo le tshegofatso e e molemo e tlaa tla mo go bone.

26Yo o fetolang sentle, o atla molomo wa batho.

27Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o e iketleeletse kwa nageng; mme morago ga moo, o age ntlo ya gago.

28O se ka wa nna mosupa molato wa wa gaeno ka bomo; o se ka wa tsietsa ka molomo wa gago.

29O se ka wa re: “Ke tlaa mo direla fela jaaka a ntiretse; ke tlaa direla motho yoo ka fa tirong ya gagwe.”

30Ke tsamaile ka fa tshimong ya serorobe, le ka fa tshimong ya mafine ya motho yo o se nang tlhaloganyo;

31mme bonang, e ne e tlhogile mitlwa fela yotlhe, e khurumeditswe ke sebabetsane, le lorako lwa yone lo rutlologile.

32Foo ka leba, mme ka akanya thata; ka bona, mme ka amogela thuto.

33 Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla;

34jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help