ISAIA 58 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go ikitsa go ja ga tlhomamo

1“Goa thata, se rekegele, tsholetsa lentswe la gago jaaka lonaka, o kakanyetse batho ba me tlolo ya bone, le ba ntlo ya ga Jakobe maleo a bone.

2Le fa go ntse jalo ba tlhola ba ntse ba mpatla ka malatsi otlhe, ba natefelwa ke go itse mekgwa ya me; jaaka e kete ke morafe o o dirang tshiamo, o sa latlha katlholo ya Modimo wa bone, ba ntopa melao e e siameng, ba kgatlhwa ke go atamela kwa Modimong.

3“Ba re: ‘Re a bo re ikiditse go ja ka ntlha yang, fa e bo ne ne o sa bone? Re ipatikile mowa ka ntlha yang fa e bo ne ne o sa tlhokomele?’ Bonang, e re mo letsatsing la go ikitsa go ja ga lona, ke go dira go kgatlhega ga lona fela, mme lo a bo lo patika badiredi ba lona botlhe.

4Bonang, lo ikitsa go ja go dira kgang fela le komang le go kitla ka letswele la boikepo; ga lo ikitse go ja gompieno gore lo tle lo utlwatse lentswe la lona kwa godimo.

5A ke gone go ikitsa go ja mo ke go lopileng? A ke letsatsi la motho go ipatika mowa wa gagwe? A ke go ikoba tlhogo fela jaaka mophutlo, le go ikalela letsela la kgetse le molora tlase ga gagwe? A golo mo, o tlaa go raya o re: Ke go ikitsa go ja, o ba o re: Ke letsatsi le le lebosegang mo go Jehofa?

6“A go ikitsa go ja mo ke go lopileng a ga se gone mo? E bong go golola dikgolego tsa boikepo, le go hunolola dikgole tsa jokwe, le go leseletsa bapatikwi go tsamaya fela, le gore lo robe dijokwe tsotlhe?

7 A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?

8“Foo lesedi la gago le tlaa betlama jaaka phepafalo ya moso, le go fola ga gago go tlaa runya ka bonako; le tshiamo ya gago e tlaa go etelela pele; le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa nna tshimega ya gago.

9Foo o tlaa bitsa, mme Jehofa o tlaa go araba; o tlaa goa, mme o tlaa re: ‘Ke fano.’

“Fa o tlosa jokwe mo gare ga gago, le go supa ka monwana, le go bua ka boikepo;

10le gone fa o ntshetsa yo o bolailweng ke tlala pelo ya gago, le yo o bogisiwang fa o mmusetsa pelo; foo lesedi la gago le tlaa tlhaba mo lefifing, le bosabonaleng jwa gago bo tlaa nna jaaka motshegare;

11Jehofa o tlaa nna mogogi wa gago ka gale le ka gale, a go busetsa pelo mo leubeng, a thatafatsa marapo a gago; mme o tlaa nna jaaka tshimo e e nosiwang, le jaaka motswedi wa metsi, o metsi a one a sa feleng.

12Bone ba e tlaa bong e le ba gago ba tlaa aga marope a bogologolo; o tlaa tsosolosa metheo ya ditshika di le dintsi; mme o tlaa bidiwa Momamatleledi wa phatlha, Motsosolosi wa ditsela gore go nnwe mo go tsone.

Molemo wa go tshegetsa Sabata

13“Fa o faposa lonao lwa gago mo go gateng Sabata, o sa dire kgatlhego ya gago ka letsatsi la me le le itshepileng; mme o raya Sabata o re: O monate, le se se itshepileng sa ga Jehofa o re; se a tlotlega; mme fa o mo tlotla o sa ye le mekgwa e e leng ya gago, o sa bone kgatlhego e e leng ya gago, o sa bue mafoko a e leng a gago;

14foo, o tlaa ijesa monate mo go Jehofa; mme ke tlaa go palamisa mafelo a godimo a lefatshe; ke tlaa go otla ka boswa jwa ga Jakobe rraago, gonne molomo wa ga Jehofa o buile.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help