JOBE 30 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Mme gompieno ba babotlana

mo go nna ba a ntshotla,

ba borraabo ke rileng ke sa kake

ka ba baya le fa e le

le dintša tsa letsomane la me.

2Ee, nonofo ya diatla tsa bone,

ana e ne e tlaa nthusang,

ka e le batho ba ba feletsweng

ke thata ya bone?

3Ba bodumisiwa ke borole le leuba;

ba kome mmu o o omeletseng

mo phifalong ya kgakgabalo

le tshwafalo.

4Ba epe ditshuga mo ditlhareng;

motlopi ke dijo tsa bone.

5Ba lelekwe mo bathong;

ba ba goelele jaaka e le legodu.

6Ba na le go aga mo dipharong

tsa megogoro,

mo mesimeng ya lefatshe

le mo dikgageng.

7Ba tle ba goe ba le mo ditlhareng;

ba kokoanele mo dikhing.

8Ke bana ba dieleele, ee,

ke bana ba batho

ba ba se nang maina;

ba kile ba lelekwa

ka thupa mo lefatsheng.

9Jaanong nna ke dule sefela

mo go bone, ee,

ke lefoko la tshotlo mo go bone.

10Ke ba kgaphafaletse,

ba nkemela kgakala,

ga ba rekegele go kgwa mathe

fa ba mpona.

11Gonne ba repisitse mogala wa bone,

ba nkutlwisitse botlhoko,

ba latlhile mogala

wa nko fa pele ga me.

12Ka fa ntlheng ya letsogo

le legolo ga me

go tsoga ba e leng dirothola fela;

ba kgorometsa dinao tsa me,

ba ntsosetse ditsela tsa bone

tsa tshenyo.

13Ba senya tsela ya me

ba ise tatlhego ya me kwa pele,

e le batho ba ba se nang mothusi.

14Ba a tla, ba tsene jaaka ekete

ka phatlha e e atlhameng,

mo gare ga mekoakoa

ba ipitikololele mo go nna.

15Ditherego di menogetse mo go nna,

di leleka tlotlo ya me jaaka phefo;

go aga sentle ga me

go kaologile jaaka leru.

16Jaana mowa wa me o tshologile

mo teng ga me;

malatsi a pitlagano a ntshwere.

17Mo bosigong marapo a me

a nyerega mo teng ga me,

metlotsedi e e mphurang

ga e ikhutse.

18Seaparo sa me se ntlafolotswe

ke thata e kgolo ya bolwetse jwa me,

se a mpofa jaaka thamo

ya hempe ya me.

19O ntatlhetse mo maragarageng,

ke fetogile ke ntse jaaka lorole

le molora.

20Ke goela koo go wena,

mme ga o nkarabe;

ke a ema, mme o nteba fela.

21O fetogile o ntse bolalome

mo go nna, o mpogisa

ka thata ya letsogo la gago.

22O ntsholeletsa mo phefong,

o mpalamisa mo godimo ga yone;

mme o nkakgela mo sefefong.

23Gonne ke a itse

fa o tlaa nkisa mo losong

le mo ntlong e e laoletsweng

batshedi botlhe.

24“Ruri wa bo o se ketla

o ntshetsa yo o leng mokoa fela

wa borope letsogo la one;

le fa e ka bo e le mo tshenyegong

ya gagwe,

motho o ka lela fela

ka ntlha ya dilo tse.

25A ga ke a lelela ene

yo o ne a le mo pitlaganong?

A mowa wa me

o ne o sa hutsafalele motlhoki?

26E rile ke lebeletse molemo,

foo ga tla bosula;

e rile ke letile lesedi,

ga tla lefifi.

27Mala a me a a bela,

ga a ikhutse;

malatsi a pitlagano

a tsile mo go nna.

28Ke ntshofetse

mme e seng ka letsatsi;

ke ema ka dinao mo phuthegong

ke goela thuso.

29Ke ngwana wa rraabo bophokoje,

ke monkana wa bontšhe.

30Letlalo la me le lentsho,

le wa mo go nna,

marapo a me a fisiwa ke mogote.

31Ke gone ka moo harepe ya me

e fetogile khutsafalo,

le lotlhaka lwa me

lo fetogile lentswe la batho

ba ba lelang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help