JOHANE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jesu le mosadi wa Mosamaria

1Ke gone e rileng Morena a itse jaaka Bafarisai ba utlwile fa Jesu a dira a ba a kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go Johane

2– le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe –

3a tloga mo Jutea, a boela kwa Galilea.

4Mme a bo a na le go ralala Samaria.

5 Jalo a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria, go twe, Sikare, gaufi le sebata sa lefatshe se Jakobe o se neileng Josefe morwawe.

6Sediba sa ga Jakobe sa bo se le teng foo. E re ka Jesu a ne a tsenywe ke letsapa la loeto, a dula fa sedibeng. Ya bo e le mo lobakeng lwa nako ya sethoboloko.

7Ga tla mosadi mongwe wa Samaria go ga metsi; Jesu a mo raya a re: “A ko o nnose metsi,”

8gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile mo motseng go reka dijo.

9 Foo mosadi wa Samaria a mo raya a re: “Go ntse jang, wena o le Mojuta, o lopa go nwa mo go nna ke le mosadi wa Samaria? Ga ke re Bajuta ga ba etalane le Basamaria?”

10Jesu a mo fetola a re: “Fa o ka bo o ne o itse neo ya Modimo, le yo o go rayang a re: ‘A ko o nnose;’ o ka bo o lopile ene, mme o ka bo a go nositse metsi a a tshedileng.”

11Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na se o gang ka sone, mme sediba se boteng, mme metsi a a tshedileng ao, o a tsere kae?

12A o mogolo go feta rraetsho Jakobe, yo o re neileng sediba se, le ene a nwa mo go sone, le bomorwawe, le dikgomo tsa gagwe?”

13Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi a, o tlaa ba a nyorwa gape;

14mme le fa e le mang yo o tlaa nwang metsi a ke tlaa a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; metsi a ke tlaa a mo nosang a tlaa tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.”

15Mosadi a mo raya a re: “Morena, a ko o nnose metsi ao, gore ke se ka ka tlhola ke nyorwa, le fa e le go tsamaya mosepele o molele wa go tla kwano go ga.”

16Jesu a mo raya a re: “Ya o bitse monna wa gago, mme o tle kwano.”

17Mosadi a mo fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, wa re ga o na monna;

18gonne o kile wa ne o na le banna ba le batlhano; mme yo o nang nae gompieno ga se monna wa gago; moo o boletse ka boammaaruri.”

19Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke a lemoga fa o le moperofeti.

20Borraetsho ba ne ba obama mo thabeng e; mme lona lwa re, Jerusalema ke gone kwa batho ba tshwanetseng go obama teng.”

21Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ntumela, lobaka lo etla lo lo se ketlang lo obamela Rara ka lone mo thabeng e, le fa e le mo Jerusalema.

22Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne poloko e tswa mo Bajuteng.

23Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe.

24Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”

25Mosadi a mo raya a re: “Ke a itse fa Mesia a tla, yo o bidiwang Keresete; e tlaa re ene a tsile o tlaa re bolelela dilo tsotlhe.”

26Jesu a mo raya a re: “Nna yo ke buang nao, ke nna ene.”

27Foo barutwa ba gagwe ba tla; ba gakgamala ka a bua le mosadi; le fa go ntse jalo ope a se ka a re: “O batlang?” kgotsa: “O buelang nae?”

28Jalo mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe; a ya mo motseng, a raya batho a re:

29“Tlaang lo bone monna yo o mpoleletseng dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo. A e ka nna ene Keresete?”

30Ba tswa mo motseng, mme ba ya kwa go ene.

31Ya re mo bakeng loo barutwa ba mo rapela ba re: “Rabi, a ko o je.”

32Mme a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.”

33Foo barutwa ba raana ba re: “A mongwe o tsile a mo tsholetse dijo go ja?”

34Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe.

35A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi di le nne pele ga thobo ya mabele’? Bonang, ke a lo raya: Lebang, lo bone masimo, fa a setse a le masweu a go rojwa.

36Yo o robang o tshola tuelo, a phuthele botshelo jo bo sa khutleng loungo; gore yo o jalang le yo o robang ba itumele mmogo.

37Gonne lefoko le, le boammaaruri ka gone mo, jaaka go twe: ‘Mongwe o a jala, mme o sele a robe.’

38Ke lo romile lwa ya go roba mo lo se kang lwa go direla; ba sele ba dirile, mme lona lo tsenye mo tirong ya bone.”

39Basamaria ba le bantsi ba motse o, ba mo dumela ka ntlha ya lefoko la mosadi, yo o supileng a re: “O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo.”

40Jalo e rile Basamaria ba sena go fitlha kwa go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo; mme a tlhola teng malatsi a le mabedi.

41Mme ga dumela batho ba le bantsi gape ka lefoko la gagwe;

42ba raya mosadi ba re: “Jaanong re a dumela, e seng ka ntlha ya go bolela ga gago fela; gonne ka rosi re mo ikutlwetse, mme re a itse fa ruri motho yo e le Mmoloki wa lefatshe.”

Jesu o fodisa morwa kgosana

43E rile malatsi a mabedi ao a sena go feta, a tswa teng a ya Galilea,

44 gonne Jesu ka esi a supa fa moperofeti a se na tlotlo mo lefatsheng la ga gabo.

45 Jalo e rile a fitlha mo Galilea, Bagalilea ba mo tshola, ka ba bonye dilo tsotlhe tse o di dirileng kwa Jerusalema ka lobaka lwa modiro; gonne le bone ba ne ba ile modirong.

46 Mme a tloga a ya gape kwa Kana wa Galilea, kwa o fetotseng metsi bojalwa jwa mofine teng. Ga bo go le motho mongwe wa kgosana, yo morwawe o lwalang kwa Kaperenaume.

47Ya re a utlwa fa Jesu a dule kwa Jutea a tsile mo Galilea, a ya kwa go ene, a mo rapela gore a fologe, a ye go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa.

48Foo Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo ketla lo dumela gope.”

49Motho wa kgosana a mo raya a re: “Morena, a ko o fologe ngwanake a ise a swe.”

50Jesu a mo raya a re: “Tsamaya fela, morwao o tshedile.” Monna yo a dumela lefoko le Jesu o le buileng nae, mme a tsamaya.

51Ya re a sa ntse a fologa, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba bolela fa morwawe a tshedile.

52Jalo a ba botsa nako e o simolotseng go fola ka yone. Mme ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya bongwe ka tshokologo letshoroma la mo tlogela.”

53Jalo rraagwe a itse fa e ne e le ka nako e Jesu o mo reileng ka yone a re: “Morwao o tshedile;” mme go le ene le ba ntlo ya gagwe, ba dumela botlhe fela.

54E bile ke sone sesupo sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tla mo Galilea a tswa kwa Jutea.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help