PESALEMA 82 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke mmusi le moatlhodi yo mogoloPesalema ya ga Asafe.

1Modimo o eme mo phuthegong

ya ona Modimo;

o atlhola fa gare ga medimo.

2“Lo tlaa atlhola ka go sa siamang

ka lobaka lo lo kaye,

lo tlotla sebele sa baikepi? Sela.

3Atlholelang bahumanegi le masiela;

direlang ba ba patikwang le batlhoki

tshiamo.

4Falodisang bahumanegi le batlhoki;

ba gololeng mo seatleng sa baikepi.

5Ga ba itse,

le gone ga ba tlhaloganye;

ba kgarakgatshega mo lefifing;

metheo yotlhe ya lefatshe

e a tshikinyega.

6 Ke rile: ‘Lo medimo,

lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo.’

7Le fa go ntse jalo

lo tlaa swa jaaka batho fela,

lo tlaa wa jaaka nngwe

ya dikgosana.”

8Tloga o eme Modimo,

o atlhole lefatshe;

gonne o tlaa rua merafe yotlhe fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help