PESALEMA 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya boutlwelobotlhoko mo dipakeng tsa matshwenyegoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; ka diletso tse di ditlhale, di laeletswe Sheminithe.

1 Jehofa, o se ka wa nkgalemela

ka bogale jwa gago,

le gone o se ka wa nkwatlhaya

ka bogale jwa gago jo bo tukang.

2Nkutlwela botlhoko Jehofa;

gonne ke swabile fela;

Jehofa, o mphodise,

gonne marapo a me a remegile.

3Mowa wa me le one

o tshwenyegile thata;

mme wena, Jehofa,

e tlaa nna goleele go le kaye?

4Boela mo go nna Jehofa,

o golole mowa wa me:

o mpoloke ka ntlha ya

bopelonomi jwa gago jwa lorato.

5Gonne mo losong

ga o na go gakologelwa;

mo Bobipong yo o tlaa go lebogang

e tlaa nna mang?

6Ke lapile ka go duma ga me;

ka masigo otlhe

ke kolobetsa bolao jwa me;

ke kolobetsa phate ya me

ka dikeledi tsa me.

7Leitlho la me le a fela

ka ntlha ya bohutsana;

le a onala

ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me.

8 Ntlogelang lona lotlhe

badiri ba boikepo;

gonne Jehofa o utlwile

lentswe la go lela ga me.

9Jehofa o utlwile mekokotlelo ya me;

Jehofa o tlaa amogela morapelo wa me.

10Baba ba me botlhe

ba tlaa tlhajwa ke ditlhong

ba tshwenyega thata;

ba tlaa boela kwa morago,

ba tlaa tlhajwa ke ditlhong

ka tshoganetso fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help