PESALEMA 85 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go kopela Iseraele kutlwelobotlhokoPesalema ya bomorwa Kora. Ya moopedi yo mogolo.

1Jehofa, o ngokile lefatshe la gago;

o busitse botshwaro jwa ga Jakobe.

2O itshwaretse boikepo

jwa batho ba gago,

o bipile boleo jotlhe jwa bone. Sela.

3O tlositse kgalefo yotlhe ya gago;

o itshokolotse mo go tukeng

ga bogale jwa gago.

4Re sokologele,

Modimo wa poloko ya rona;

o khutlise kgakatsego ya gago

mo go rona.

5A o tlaa nna bogale le rona

ka bosakhutleng?

A o tlaa gololela bogale jwa gago

kwa tshikatshikeng?

6A ga o nka o re rudisa gape,

gore batho ba gago

ba itumele mo go wena?

7A ko o re supetse

boutlwelobotlhoko jwa gago Jehofa,

o re abele poloka ya gago.

8Ke tlaa utlwa se Modimo, Jehofa,

o tlaa se buang,

gonne o tlaa bua kagiso

le batho ba one,

le baitshepi ba one;

mme a ba se boele gape

mo boeleeleng.

9Ruri, poloka ya one e gaufi

le ba ba o boifang;

e le gore kgalalelo e age

mo lefatsheng la rona.

10Boutlwelobotlhoko bo kopanye

le boammaaruri;

tshiamo e atlanye le kagiso.

11Boammaaruri bo tswetswena

mo lefatsheng;

tshiamo le yone e okame

e le kwa legodimong.

12Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo;

le lefatshe la rona

le tlaa ntsha totafalo ya lone.

13Tshiamo e tlaa mo etelela pele;

mme e tlaa direla dikgato tsa gagwe

tsela ya go tsamaya mo go yone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help