JEREMIA 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go obamela disetwa le go obamela Modimo

1Utlwang lefoko le Jehofa o le buang le lona, lona ba ntlo ya Iseraele.

2Jehofa o bua jaana, a re:

“Lo se ka lwa ithuta mokgwa

wa merafe, lo se ka lwa tseanngwa

ke ditshupo tsa legodimo;

gonne merafe e tseanngwa ke tsone.

3Gonne ditemalo tsa ditšhaba

ke boithamako;

gonne mongwe o tle a reme setlhare

mo sekgweng, e le tiro

ya diatla tsa yo o remang ka selepe.

4Ba se kgabise ka selefera le ka gouta;

ba se kokotele ka dimapo le ka

dinoto, gore se se ka sa tsikinyega.

5Di ntse jaaka setlhare sa mokolane,

e le tsa tiro ya moseto,

mme ga di bue;

di na le go rwalwa fela,

ka di retelelwa ke go tsamaya.

Lo se ka lwa di boifa,

gonne ga di na thata

ya go dira bosula,

mme ga goyo mo go tsone

go dira molemo.”

6Ga go na ope yo o tshwanang nao,

Jehofa;

o mogolo, mme leina la gago le

legolo mo nonofong.

7 E mang yo o se ketlang a go boifa,

wena Kgosi ya merafe?

Gonne ke mo go go tshwanetseng,

gonne mo matlhaleng otlhe

a merafe, le mo boemong jotlhe

jwa bone jwa segosi,

ga go na ope yo o tshwanang nao.

8Ba sefolofolo fela le boeleele mmogo;

ke thuto ya medimo ya disetwa,

logong fela.

9Go na le selefera

se se papetlilweng dimatlana,

se se leriweng kwa Tarešiše,

le gouta e e tswang Ufase,

tiro ya modiri yo o maano,

le ya diatla tsa mothudi wa gouta;

bobududu le bohibidu

jo bo mokgona,

gore e nne diaparo tsa yone;

tsotlhe ke tiro ya batho

ba ba ditsetseneko.

10Jehofa ke ene Modimo

wa boammaaruri;

ke ene Modimo o o tshedileng,

le Kgosi e e sa khutleng;

lefatshe le roroma

ka tšararego ya gagwe,

le merafe ga e a nonofa

go itshokela kgakalo ya gagwe.

11Lo tlaa bua nabo jaana, lo re: “Medimo e e se kang ya dira magodimo le lefatshe, eo e tlaa nyelela mo lefatsheng, e ba e tswa fa tlase ga legodimo.”

Sefela sa go galaletsa Modimo

12One o dirile lefatshe

ka nonofo ya one,

o tlhomamisitse lobopo

ka botlhale jwa one,

o tsharolotse magodimo

ka tlhaloganyo ya one.

13E a re o ntsha lentswe la one

go nne kgwaso ya metsi

kwa magodimong,

o tlhatlose mouwane

kwa dikhutlong tsa lefatshe;

o direle pula dikgadima,

mme o ntshe phefo

mo mabolokelong a one.

14Motho mongwe le mongwe

o fetogile sefolofolo,

mme a se na kitso;

mothudi wa gouta

mongwe le mongwe

o tlhabisiwa ditlhong

ke setshwantsho sa gagwe

se se setilweng;

gonne setshwantsho sa gagwe

se se thetsweng ke maaka,

go bile go se na mowa mo go tsone.

15Di boithamako, ke tiro ya phoro;

mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.

16Kabelo ya ga Jakobe

ga e a nna jaaka tseo;

gonne one ke Mmopi

wa dilo tsotlhe;

mme Iseraele ke lotso

lwa boswa jwa gagwe:

Jehofa wa masomosomo

ke leina la gagwe.

Bofaladi jo bo tlang

17Phutha mekgweleo ya gago

o e ntshe mo lefatsheng,

wena yo o ntseng

mo lefatsheng le le tlhaselwang.

18Gonne go bua jaana Jehofa, a re:

“Bonang, ke tlaa konopela koo

banni ba lefatshe

ka motsekedi ka lobaka lono,

ke tlaa ba pitlaganya

gore ba tle ba go utlwe.”

19A bo go latlhega nna

ka thobego ya me!

Ntho ya me e botlhoko,

mme ke rile: “Ruri jo ke jone

bolwetse jwa me,

mme ke na le go bo itshokela fela.”

20Mogope wa me o thopilwe,

megala ya me e kgaotswe yotlhe fela:

Bana ba me ba dule mo go nna

ba ile, mme ga bayo;

ga go tlhole go na le ope

yo o tsharololang mogope wa me,

le fa e le go pega dilepelelo tsa me.

21Gonne badisa ba folofetse,

ga ba a botsa mo go Jehofa;

ke gone ka moo

ba sa boneng go segofala,

le matsomane a bone

a faletse otlhe fela.

22Kutlwalo ya tumedi,

bonang, e e tla,

le phuduego e kgolo e e tswang

lefatsheng la botsheka,

e a go tla go dira metse ya Juta

tshwafalo le boago jwa diphokoje.

23Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho

e se mo go ene ka esi;

ga goyo mo mothong

yo o tsamayang ka dinao

go siamisa dikgato tsa gagwe.

24Jehofa, a ko o nkotlhae,

mme ka tekatekanyo;

e seng mo bogaleng jwa gago,

ka o ka tla wa ntimeletsa ruri.

25Ditšhaba tse di sa go itseng

o goromeletse tšararego ya gago

mo go tsone,

le mo ditshikeng tse di sa bitseng

leina la gago;

gonne di jele Jakobe,

ee, di mo jele di mo supuditse,

di kgakgabaditse bonno jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help