DIKHUTSAFALO 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya kutlwelobotlhoko

1Jehofa, gakologelwa

se se re tletseng;

leba, mme o bone kgobo ya rona.

2Boswa jwa rona bo pitikololetswe

baeng, matlo a rona

a neilwe ba tšhaba di sele.

3Re masiela,

re bile re se na borraetsho,

bommaarona ba ntse jaaka

batlholagadi fela.

4Metsi a rona re a nole

ka go a reka ka madi;

dikgong tsa rona

di rekisiwa mo go rona.

5Bakonatedi ba rona

ba mo dithamong tsa rona;

re lapile, ga re na boikhutso.

6Re naanye diatla le Baegepeto, le

Baasiria, gore re tle re kgore dijo.

7Borraetsho ba leofile,

mme ga ba yo;

rona re belege maikepo a bone.

8Batlhanka ba a re laola:

ga go na ope yo o ka re gololang

mo seatleng sa bone.

9Re bona dijo tsa rona

re le mo kotlomanong ya polao,

ka ntlha ya tšhaka ya naga.

10Letlalo la rona le lentsho

jaaka pesetso

ka ntlha ya mogote o o fisang

wa go bopama.

11Ba beteletse basadi mo Sione,

le barweetsana mo metseng ya Juta.

12Dikgosana di ne di pegwa

di lepelediwa di akgega

ka mabogo a tsone,

difatlhogo tsa bagolwane

di ne di sa tlotlwe.

13Makau a ne a rwala lolwala,

le banyana ba kgokgoetsega

ba rwele dikgong.

14Bagolwane ba khutlile mo kgotleng,

makau a khutlile

mo go opeleng ga one.

15Boitumelo jwa pelo tsa rona

bo khutlile;

pina ya rona e fetogile bohutsana.

16Serwalo se ole mo tlhogong ya rona.

A batho ba bagolo, rona!

Gonne re leofile.

17Dipelo tsa rona di idibetse

ka ntlha ya mo;

matlho a rona a otofala

ka ntlha ya dilo tse.

18Ka ntlha ya thaba ya Sione,

e e swafetseng;

bophokoje ba tsamaya

mo go yone fela.

19Wena Jehofa,

o ntse ka bosakhutleng;

setulo sa gago sa bogosi

se ntse mo tshikatshikeng tsotlhe.

20O re lebala ka bosakhutleng ka ntlha yang, o re latlhelang ka lobaka lo lo kanakana?

21Re sokololele kwa go wena, Morena, mme re tlaa bo re sokologile; šafatsa metlha ya rona jaaka bogologolo.

22Mme o ganetse ruri, o re tšararagetse thata.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help