PESALEMA 58 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya boikwatlhao jwa baikepiPesalema ya ga Dafite: Mikitame. Pina ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Alatašahetha.

1A ruri lo tle lo bue tshiamo

ka go didimala?

A lo tle lo atlhole ka thokgamo,

lona bana ba batho?

2Ee, lo dira tshiamololo mo pelong;

lo lekanyetsa go thubaka ga diatla

tsa lona kwa ntle mo lefatsheng.

3Baikepi ba sa le ba nna ba sele

ba sa tswa sebopelong;

ya re ba sa ntse ba belegwa

ba timele ka go bua maaka.

4Botlhoko jwa bone

bo tshwana le botlhoko jwa noga;

ba tshwana le lebolobolo

le le sa utlweng,

le le thibang tsebe ya lone,

5e le le le sa reetseng

lentswe la batshereanyi,

le fa go ka tshereanngwa

ka botlhale jo bo ntseng jang.

6Roba meno a bone, Modimo,

mo melomong ya bone;

roba, o ntshe meno a matona a

ditawana, Jehofa.

7A ba nyelele

jaaka metsi a a seselang;

e tle e re a kaya metswi ya gagwe,

e nne jaaka ekete e pomilwe.

8A ba nne jaaka kgopa

e e tlhapologang e ba e nyelela,

jaaka tshenyegelo ya mosadi,

e e se kang ya bona letsatsi.

9E re pele dipitsa tsa lona

di e se di utlwe molelo wa mitlwa,

o tlaa e tlosa ka setsuatsue,

e e metsi le e e tukang mmogo.

10Mosiami o tlaa itumela

mogang o bonang pusoloso;

o tlaa itlhapisa dinao

mo mading a baikepi.

11Jalo batho ba bo ba tlaa re:

“Ruri go na le tuelo e e nnetseng

mosiami; ruri Modimo o gone

o o atlholang mo lefatsheng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help