PESALEMA 109 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Selelo sa yo o mo matshwenyegongPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi ya mogolo.

1O se ka wa didimala

Modimo wa pako ya me;

2gonne molomo wa baikepi,

le molomo wa tsietso,

ba o nkatlhamiseditse,

ba buile le nna ka loleme lwa maaka.

3Ba ne ba ntikanyeletsa

ka mafoko a kilo,

ba tlhabana le nna ka bomo.

4Nna ke lorato mo go bone,

mme bone ke baganetsi ba me;

mme ke ineela mo thapelong.

5Ba ntueletse molemo ka bosula,

le lorato lwa me ka letlhoo.

6Mo tlhomele motho yo o moikepi

go mo laola;

a moganetsi a mo eme

ka fa letsogong la gagwe le legolo.

7A e re a atlholwa,

a tswe a le molato;

mme a morapelo wa gagwe

o fetoge boleo.

8 A malatsi a gagwe

a nne mabotlana;

mme a motho o sele

a tseye tirelo ya gagwe.

9A bana ba gagwe

ba nne masiela fela,

le mosadi wa gagwe a nne

moswagadi fela.

10A bana ba gagwe ba nne

bakaidikaidi, mme ba kope;

mme a ba senke sejo sa bone

kwa kgakala le matlotla a bone.

11Mme a moikgagapeledi a phamole

gotlhe mo o nang nago;

a baeng ba ntshe mofufutso

wa gagwe thopo.

12A go se nne ope yo o tlaa mo

direlang boutlwelobotlhoko;

le gone a go se nne ope yo o

tlhomogelang masiela a gagwe

pelo.

13A losika lwa gagwe lwa kwa morago

lo kgaolwe; e tlaa re

mo losikeng lo lo rulaganang nalo

a leina la bone le phimolelwe ruri.

14A boikepo jwa borraabo

bo gakologelwe ke Jehofa;

a boleo jwa ga mmaabo

bo se phimolelwe ruri.

15A bo nne bo nne

fa pele ga Jehofa ka gale,

gore a tle a kgaole kgakologelo ya

bone mo lefatsheng.

16Gonne a se ka a gakologelwa

go itshupa kutlwelobotlhoko,

mme a bogisa motho wa

mohumanegi, le wa motlhoki,

le wa pelo e e phatlogileng,

gore a ba bolaye.

17Ee, a rata khutsakanyo,

mme e tsile mo go ene;

ga a ka a kgatlhwa ke go segofatsa,

ga bo go le kgakala le ene.

18Le gone a ikapesa ka khutsakanyo

jaaka seaparo sa gagwe,

mme ya tla ya tsena

mo ditennyeng tsa gagwe

jaaka metsi, le jaaka lookwane

mo marapong a gagwe.

19A e nne mo go ene

jaaka seaparo se o ipipang ka sone,

le jaaka moitlesi o o itlamang

ka one ka gale.

20Eo ke yone tuelo

ya baganetsi ba me,

e e tswang mo go Jehofa,

le ya ba ba buang bosula

ka ga mowa wa me.

21Mme nna, o ntirele,

wena Modimo, Morena,

ka ntlha ya leina la gago,

e re ka boutlwelobothloko jwa gago

bo le molemo, o nkgolole.

22Gonne ke lehuma le botlhokwa,

le pelo ya me e tlhabilwe

mo teng ga me.

23Ke ile, jaaka moriti o o felang;

ke akgwaakgwa jaaka tsie.

24Mangole a me

a kgwetlhisiwa ke go tlhoka go ja;

le nama ya me e tlhorega monono.

25 Ke bile ke dule sekgobo

mo go bone; e a re ba mpona

ba thukhuthetse tlhogo tsa bone.

26A ko o nthuse Jehofa

Modimo wa me; a ko o mpoloke

ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago;

27gore ba tle ba itse

fa se e le seatla sa gago;

fa wena Jehofa o se dirile.

28A ba hutsakanye,

mme wena o segofatse;

ba tlaa re ba ema

ba tlhajwe ke ditlhong,

motlhanka wa gago ene

o tlaa itumela.

29A baganetsi ba me ba apesiwe

tlotlologo, mme a ba ipipe

ka ditlhong tsa bone jaaka ka kobo.

30Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo

a magolo ka molomo wa me;

ee, ke tlaa mmaka

fa gare ga bontsi jwa batho.

31Gonne o tlaa ema motlhoki

ka fa letsogong le legolo,

gore a mo golole mo go bone

ba ba sekisang mowa wa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help