PESALEMA 114 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dikgakgamatso tsa khuduga ya Baiseraele

1 E rile Iseraele a tswa mo Egepeto,

le ntlo ya ga Jakobe

mo bathong ba puo e sele,

2Juta a tla a nna

felo ga gagwe ga boitshepo,

le Iseraele bogosi jwa gagwe.

3 Lewatle la go bona, la tshaba;

Joretane a kgarametsegela

kwa morago.

4Dithaba tsa ja mokaragana

jaaka diphelefu,

dithotana jaaka dikwanyana.

5O a bo o reng, wena lewatle

fa e bo ne ne o tshaba jaana?

Wena Joretane fa e bo ne ne

o boela kwa morago jaana?

6Lona dithaba, lwa reng,

ka e le fa lo ja mokaragana

jaaka diphelefu?

Lona dithotana jaaka dikwanyana?

7Roroma, wena lefatshe,

fa pele ga Morena,

fa pele ga Modimo wa ga Jakobe;

8 yo o fetotseng lefika

la nna mogobe wa metsi, le legakwa

la nna motswedi wa metsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help