1 SAMUELE 28 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ga dirala ya re ka metlha eo Bafilisitia ba phuthela mephato ya bone go ya ntweng, go ya go tlhabana le Baiseraele. Akiše a raya Dafite a re: “O bo o itse fa o bolola le nna mo ntweng, wena le banna ba gago.”

2Dafite a raya Akiše a re: “Ka re, o tlaa itse se motlhanka wa gago o tlaa se dirang.” Akiše a raya Dafite a re: “Ke tlaa go dira modisa wa tlhogo ya me ka bosakhutleng.”

Saule o ya go bua le badimo le bomaitseanape ba Enetore

3 Jaana Samuele o ne a sule, mme Baiseraele botlhe ba mo leletse; ba mo fitlhile mo Rama, e bong mo motseng wa ga gabo. Saule o ne a tlositse ba ba buang le badimo le ba e leng baitseanape mo lefatsheng.

4Bafilisitia ba phuthega ba fitlha ba thibelela mo Shuneme; Saule a phutha Baiseraele botlhe, ba thibelela mo Gileboa.

5E rile Saule a bona ntwa ya Bafilisitia a boifa, pelo ya gagwe ya roroma thata.

6 E rile Saule a botsa mo go Jehofa, Jehofa a se ka a mo araba, le fa e le ka ditoro, le fa e le ka Urime, le fa e le ka baperofeti.

7Foo Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatlelang mosadi mongwe yo o buang le badimo gore ke tle ke ye kwa go ene ke ye go mmotsa.” Batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “Bona, kwa Enetore go na le mosadiyo o buang le badimo.”

8Saule a iphetola, a apara diaparo di sele, a ya, ene le banna ba le babedi ba ya nae, mme ba fitlha kwa mosading yoo go le bosigo; mme a re: “Ke a go rapela, a ko o ntshwabele, o mpolelele ka mowa wa sedimo, o tle o ntlhatlosetse mongwe fela yo ke tlaa mo go umakelang.”

9Mosadi a mo raya a re: “Bona, o a itse se Saule o se dirileng, jaaka a tlositse bone ba ba buang le badimo, le baitseanape mo lefatsheng; mme o beelelang botshelo jwa me seru go tla o mpolaya?”

10Mme Saule a mo ikanela ka Jehofa a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, ga o ketla o diralelwa ke petso epe ka ga selo se.”

11Foo mosadi a re: “Ke tlaa go tlhatlosetsa mang?” A re: “O tle o ntlhatlosetse Samuele.”

12E rile mosadi a bona Samuele, a gala ka lentswe le legolo; mme mosadi a bua le Saule a re: “O ntsieleditseng? Gonne o Saule.”

13Kgosi ya mo raya ya re: “O se ka wa boifa; gonne o bona eng?” Mme mosadi a raya Saule a re: “Ke bona modimo mongwe o tlhatloga o tswa mo mmung.”

14A mo raya a re: “Popego ya one e ntse jang?” Mosadi a re: “Go tlhatloga monnamogolo; o khurumeditswe ka kobo.” Saule a lemoga fa e le Samuele, mme a inamela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikoba.

15Samuele a raya Saule a re: “Ana o ntlhokiseditseng boiketlo ka go ntlhatlosa?” Saule a mo fetola a re: “Ke pitlaganye thata; gonne Bafilisitia ba nkepela dira, Modimo o ntlogetse, ga o tlhole o nkaraba le fa e le ka baperofeti, le fa e le ka ditoro; ke gone ka moo ke biditseng wena, gore o tle o nkitsise se ke tlaa se dirang.”

16Samuele a re: “Ke ka ntlha yang o botsa nna, ka e le fa Jehofa a go tlogetse, o bile o ntse mmaba wa gago?

17 Jehofa o itiretse jaaka a ne a bua ka nna; gape Jehofa o rutlile bogosi mo seatleng sa gago, o bo neile wa gaeno, e bong Dafite.

18 E re ka o se ka wa akela lentswe la ga Jehofa, wa ba wa se ka wa dirafatsa bogale jo bogolo jwa gagwe mo go Baamaleke, ke gone ka moo Jehofa o go diretseng selo se gompieno.

19Gape le Baiseraele, Jehofa o tlaa ba tsenya nao mo seatleng sa Bafilisitia; e tlaa re ka moso wena le bomorwao lo bo lo nna le nna; Jehofa o tlaa tsenya le lone lesomosomo la Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.”

20Foo Saule a tloga a wa a namalala fa fatshe, a boifa thata, ka ntlha ya mafoko a ga Samuele; ga bo go se na thata mo go ene; gonne a tlhotse a bile a letse a sa je dijo.

21Mosadi a tla kwa go Saule, a bona fa a tlaletswe thata, mme a mo raya a re: “Bona lelata la gago le reeditse lentswe la gago, mme ka baya botshelo jwa me mo seatleng sa me, ke reeditse mafoko a gago a o ne o a bua le nna.

22Jaana ka re: Ke a go rapela, le wena o reetse lentswe la lelata la gago, o mme ke beye dijonyana fa pele ga gago; mme o je, gore o bone thata fa o tsamaya.”

23Mme a gana, a re: “Ga ke je.” Batlhanka ba gagwe ba na le mosadi ba mo patelela ka thata; mme a reetsa lentswe la bone. A namologa fa fatshe, a dula fa bolaong.

24Mosadi a bo a na le namane e e nonneng mo ntlong; mme a akofa, a e tlhaba; a tsaya setou, a se duba, a se besa senkgwe se se sa bedisiwang.

25A di baya fa pele ga Saule le fa pele ga batlhanka ba gagwe; mme ba ja. Foo ba nanoga ba tsamaya bosigo joo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help