PESALEMA 41 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya phodisoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Go sego yo o gopolang

bahumanegi;

Jehofa o tlaa mo golola

mo motlheng wa bosula.

2Jehofa o tlaa mo tlamela,

a ba a mo tshedisa,

mme o tlaa segofala mo lefatsheng.

O se ka wa mo neela

mo go rateng ga baba ba gagwe.

3Jehofa o tlaa mo oka

a le mo bolaong jwa topetego;

o a tle o mo alele bolao jwa gagwe

gotlhe fela mo bolwetseng

jwa gagwe.

4Ke rile: “Jehofa,

a ko o nkutlwele botlhoko;

fodisa mowa wa me;

gonne ke go leofetse.”

5Baba ba me ba bua bosula ka ga me,

ba re: “O tlaa swa leng ne,

leina la gagwe la nyelela?”

6Ya re fa a tsile go mpona,

a bue maaka;

pelo ya gagwe e ikgobokanyetse

boikepo;

a re a tswela kwa ntle

a bo bolele fela.

7Botlhe ba ba nkilang

ba sebetsanya ka ga me;

ba ntogela maano

a go nkutlwisa bothloko.

8Ba re:

“O kgomaretswe ke botlhoko jo bo

maswe, jaaka a rapame jaana,

ga a ketla a tlhola a tsoga.”

9 Ee, tsala ya me

e ke tlwaelanyeng nayo,

e ke ne ke e ikantse,

e e neng ee ja dijo tsa me, e bile

e ntsholeleditse serethe sa yone.

10Mme wena, Jehofa,

a ko o nkutlwele botlhoko,

o ntsose,

gore ke tle ke ba ikeletse.

11Ke a itse ka mo

fa o itumela thata mo go nna,

ka go bo mmaba wa me

a sa njele koma.

12Ka ga me o ntse o nkokotletsa,

mo go tlhokeng molato ga me,

wa ntlhoma fa pele ga sefatlhogo

sa gago ka bosakhutleng.

13A go nne go bakwe Jehofa,

Modimo wa Iseraele,

go tswa kwa go se nang tshimologo

go ya kwa bosakhutleng.

A go nne jalo, fela jalo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help