PESALEMA 97 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo moatlhodi mogolo

1Jehofa o a busa;

a lefatshe le ipele;

a ditlhake tse dintsi di itumele.

2Maru a mo dikanyeditse le lefifi;

tshiamo le katlholo ke motheo

wa setulo sa gagwe sa bogosi.

3Molelo o tsamaya fa pele ga gagwe,

mme o fisetsa ruri baba ba gagwe

mo tikologong.

4Dikgadima tsa gagwe tsa bonesa

lobopo; lefatshe la bona la roroma.

5Dithabana tsa nyerologa

jaaka makgaga a dinotshe

ka sebonalo sa ga Jehofa,

ka sefatlhogo sa Morena

wa lefatshe lotlhe.

6Magodimo a kakanya tshiamo ya

gagwe, le ditšhaba tsotlhe

di bonye kgalalelo ya gagwe.

7A go tlhajwe ke ditlhong

bone botlhe ba ba direlang

ditshwantsho tse di setilweng,

ba ba ipelafatsang

ka medimo ya disetwa;

obamelang ene,

lona medimo yotlhe.

8Sione a utlwa, mme a itumela,

le bomorwadia Juta ba ipela;

ka ntlha ya dikatlholo

tsa gago, Jehofa.

9Gonne, wena, Jehofa,

O mogodimo o mogolo,

godimo ga lefatshe lotlhe;

o goleleditswe kgakala

godimo ga medimo yotlhe.

10Lona ba lo ratang Jehofa,

a ko lo ileng bosula;

o tlamela mewa ya baitshepi

ba gagwe;

o ba golola mo seatleng sa baikepi.

11Lesedi le jaletswe basiami;

boipelo le jone bo jaletswe

ba ba thokgameng mo pelong.

12Ipeleng mo go Jehofa lona basiami;

lo ntshetse leina la gagwe

le le boitshepo malebogo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help