PESALEMA 138 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pako ya malebogoPesalema ya ga Dafite.

1Ke tlaa go ntshetsa malebogo

ka pelo yotlhe ya me;

fa pele ga medimo

ke tlaa go opelela dipako.

2Ke tlaa obama ke lebile tempele

ya gago e e boitshepo,

ke tlaa ntshetsa leina la gago

malebogo ka ntlha ya

mapelonomi a gago a lorato,

le ka ntlha ya boammaaruri

jwa gago;

gonne o godiseditse lefoko la gago

godimo ga leina la gago lotlhe fela.

3E rile mo letsatsing le ke biditseng

ka lone, wa nkaraba,

wa nnonofisa ka thata

mo moeng wa me.

4Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe

di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa,

gonne di utlwile mafoko

a molomo wa gago.

5Ee, di tlaa opela

ka ga ditsela tsa ga Jehofa;

gonne kgalelelo ya ga Jehofa e kgolo.

6Gonne le fa Jehofa a le godimo,

le fa go ntse jalo,

o tsaya tsia bangotlegi; mme

baipegi o ba itsetse kgakala fela.

7Le fa ke tsamaya mo gare ga tlalelo,

o tlaa nthudisa;

kgakalo ya baba ba me

o tlaa e otlololela letsogo la gago,

le seatla sa gago se segolo

se tlaa mpoloka.

8Jehofa o tlaa ntshweletsa

se se leng ka ga me;

boutlwelobotlhoko jwa gago, Jehofa,

bo eme ka bosakhutleng;

se tlhoboge ditiro

tse e leng tsa diatla tsa gago tota.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help