DUTERONOME 14 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Mokgwa o o ilwang wa go lelela baswi

1 “Lo bana ba ga Jehofa Modimo wa lona; lo se ka lwa itshega mmele, le fa e le go ipeolela baswi fa gare ga phatla.

2 Gonne o sešaba se se itshepileng sa ga Jehofa Modimo wa gago, Jehofa o go itshenketse gore o nne sešaba sa gagwe sa boswabotshwerwe, go feta ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng.

Ditshedi tse di itshekileng le tse di sa itshekang(Lef 11:1-47)

3“O se ka wa ja sepe se se moila.

4Ditshedi tse lo ka di jang ke tse: Kgomo, nku, podi,

5kwalata, le tshephe, le tholo, le mhele, le phala, le kukama le mokabawane.

6Le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding, se se patologanyang tlhako, se tlhako ya sone e maphata, mme se otla, lo ka se ja.

7Le fa go ntse jalo, mo go tse di otlang lo se ka lwa ja tse, le mo go tse di fatogileng tlhako: E bong kamela, mmutla le pela, gonne dilo tseo dia otla, mme ga di patologanye tlhako, di lo itshekologetse;

8le kolobe e lo itshekologetse, gonne e patologanye tlhako, mme ga e otle; lo se ka lwa ja nama ya tsone, le gone lo se ka lwa ama setoto sa tsone.

9“Mo go tse di nnang mo metsing lo ka ja tse: Le fa e le eng se se nang le diphuka le makape lo ka se ja.

10Mme le fa e le eng se se nang diphuka le makape lo se ka lwa se ja; se lo itshekologetse.

11“Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.

12Tse ke tsone tse lo sa kakeng lwa di ja: Ntswi yo motona, kgonyaitlhwe, le kgwadire;

13le nkgwedi, le malelakokwane, le phakalane ka fa losikeng lwa yone;

14le magakabe otlhe ka fa losikeng lwa one.

15Ntšhe, le lerololwane, le dinong tsa lewatle le le segodi ka fa losikeng lwa sone;

16le morubisana, le morubisi le makgotlwe;

17le kukara, lenong, le timeletswane;

18le lewang, le kokolohute ka fa losikeng lwa yone, le letheetšane, le mmamathwane.

19“Dilo tsotlhe tse di diphuka, mme di gagaba, di lo itshekologetse, a di se jewe.

20Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.

21 “Lo se ka lwa ja sepe se se suleng fela; o ka se naya moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore a se je; kgotsa o ka se rekisa mo mothong wa tšhaba e sele; gonne wena o sešaba se se itshepetseng Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo.

Molao wa karolo ya bolesome

22 “Ruri o tlaa ntsha sa bosome sa totafalo ya peo ya gago, e e tswang mo masimong ka ngwaga le ngwaga.

23O jele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago sa bosome sa mabele a gago, le sa bojalwa jwa gago jwa mofine, le sa lookwane lwa gago, le tsa maitibolo a matlhape a gago le matsomane a gago, o di jele mo felong fa o tlaa go itshenkelang go baya leina la gagwe gone; gore o tle o ithute go boifa Jehofa Modimo wa gago ka metlha yotlhe.

24Fa tsela e le telele bobe mo go wena, mme o retelelwa ke go di isa, ka ntlha ya gonne go le kgakala bobe kwa Jehofa Modimo wa gago o go itshenkelang go baya leina la gagwe gone, mogang Jehofa Modimo wa gago o go segofatsang,

25foo o di fetole madi, mme o a tseye a bofeletswe, o ye kwa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang.

26Madi ao o a ntshetse se mowa wa gago o se eletseng, a dikgomo, kgotsa dinku, kgotsa bojalwa jwa mofine, kgotsa bojalwa jo bo loileng, kgotsa sengwe fela se mowa wa gago o se lopang mo go wena; o jele gone fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, mme o itumele, wena le bantlo ya gago.

27“Molefi yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, o se ka wa mo latlha; ka gonne ga a na kabelo le fa e le boswa nao.

28E re go fetile dinyaga dingwe di le tharo, o ntshe sa bosome sa totafalo ya gago ya ngwaga oo, mme o se beye mo teng ga dikgoro tsa gago;

29mme Molefi, ka a se na kabelo le fa e le boswa nao, le moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago, ba tlaa tla, ba ja ba kgora; gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, e o e dirang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help