GENESISE 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Aberahame le Abimeleke

1Aberahame a tswa gone a etela kwa lefatsheng le le kwa Borwa, a aga fa gare ga Kateše le Shure; a jaka mo Gerare.

2 Aberahame a bua ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadiake:” Abimeleke kgosi ya Gerare a roma a ya go tsaya Sara.

3Modimo wa tla mo go Abimeleke ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o moswi fela ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng; ka gobo e le mosadi wa monna o sele.”

4Jaana Abimeleke o ne a ise a mo atamele; a re: “Morena a o tlaa bolaya le morafe o o siameng?

5A le ene ka esi ga a nthaya a re: ‘Ke kgaitsadiake’? Le ene mosadi ka esi o rile: ‘Ke kgaitsadie.’ Ke dirile seo se ka pelo e e siameng fela, le ka diatla tse di phepa fela.”

6Modimo wa mo raya mo torong wa re: “Ee, ke a itse fa o dirile seo se ka pelo e e siameng fela, le gone le nna ka go kganela gore o se ka wa nteofela. Ke gone ka mo ke se kang ka go leseletsa go mo ama.

7Ke gone jaana, rebolela monna mosadi wa gagwe; gonne ene ke moperofite, o tlaa go rapelela, mme o tlaa tshela. Fa o sa mo rebole, o bo o itse fa ruri o tlaa swa, wena le botlhe ba e leng ba gago.”

8Abimeleke a phakela ka moso, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela dilo tse mo ditsebeng tsa bone; banna ba boifa thata.

9Foo Abimeleke a bitsa Aberahame, a mo raya a re: “Ana o re diretse eng? Ke go leofetse mo go eng fa e bo ne ne jaana o tliseditse nna, le bogosi jwa me namane e tona ya boleo? O ntiretse ditiro tse di sa tshwanelang go dirwa.”

10Abimeleke a raya Aberahame a re: “O ne o ikaeletse eng fa o ne o dira jaana?”

11Aberahame a re: “Ke ka gonne ke ne ke gopotse gore ruri ga go na ope yo o boifang Modimo mo felong fano. Ka re, ba tlaa mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me.

12Le mororo ruri ke kgaitsadiake, morwadia rre, mme e seng morwadia mme, mme a tla a nna mosadi wa me.

13E rile Modimo o nkgarakgatsha ke tswa ntlong ya ga rre, ka raya mosadi ka re: ‘Pelonomi ke e, e o tlaa e ntshupetsang; felong gongwe le gongwe kwa re tlaa fitlhang gone, o bolele ka ga me o re: Ke kgaitsadiake.’ ”

14Abimeleke a tsaya dinku le dikgomo, le batlhanka, le malata, a di naya Aberahame, a ba a mo rebolela Sara mosadi wa gagwe.

15Abimeleke a re: “Bona, lefatshe la me ke leo le fa pele ga gago; aga fela kwa o go ratang.”

16A raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio dipapetla tsa selefera di le 1 000. Bona, ke sebipo sa matlho mo go botlhe ba o nang nabo; mme o siamisitswe fa pele ga batho botlhe.”

17Aberahame a rapela Modimo; Modimo wa fodisa Abimeleke, le mosadi wa gagwe, le malata a gagwe; ba bona bana.

18Gonne Jehofa o ne a tswaletse ruri dipopelo tsotlhe tsa ba ntlo ya ga Abimeleke, ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aberahame.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help