JOBE 26 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Ana o thusitse jang

ene yo o se nang thata!

Ana o bolokile jang

letsogo le le se nang nonofo!

3Ana o gakolotse jang

ene yo o se nang botlhale,

wa ba wa bolela ka botlalo

kitso ya mmaanete!

4O kakanyeditse mang mafoko?

Mme go dule mowa wa ga mang

mo go wena?”

Biletate

5“Ba ba suleng ba roroma

fa tlase ga metsi

le tse di agileng mo go one.

6Bobipo ga bo a ikatega

fa pele ga one,

le Molete wa Tshenyegelo

ga o na sebipo.

7O phuthololela botsheka kwa

sebakeng se se lolea fela,

o lepeletse lefatshe

kwa go seng sepe.

8O bofelele metsi

mo marung a one a a kwenneng;

mme leru ga le phanyege

tlase ga one.

9O sireletse ponalo

ya setulo sa one sa bogosi,

o ale leru la one mo go sone.

10O radile molelwane

mo godimo ga metsi,

go ya dikhutlong tsa lesedi le lefifi

kwa di kopanelang teng.

11Maotwana a legodimo a reketle,

a gakgamale ka kgalemelo ya one.

12O hudue lewatle ka thata ya one,

mme o phololetse Moikgogomosi

ka tlhaloganyo ya one.

13Magodimo a kgabisiwa

ka mowa wa one;

seatla sa one se tlhabile noga

e e fefogang.

14Bonang, mo ke kwa dintlhaneng fela

ga ditsela tsa one;

mme re utlwa ka phofonyetso e

nnye jang ka ga one!

Go duma ga nonofo ya one

e mang yo o ka go tlhaloganyang?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help