PESALEMA 14 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boeleele le boikepo jwa batho(Pes 53:1-6)Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1 Seeleele mo pelong ya sone

se rile:

“Ga go na Modimo ope.”

Ba bodile,

ba dirile ditiro tse di maswe thata;

ga go na ope yo o dirang molemo.

2Jehofa o ne a okomela bana ba

batho a le kwa legodimong,

gore a tle a bone boo go na le

bangwe ba ba tlhaloganyang,

ba batla Modimo.

3Ba fapogile botlhe fela;

ba leswefetse mmogo;

ga go na ope yo o dirang molemo,

nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.

4Botlhe ba ba dirang boikepo

a ga ba na kitso?

Ba ba jang batho ba me

ba ba swetsa jaaka ba a ja bogobe,

mme ba sa bitse Jehofa.

5Foo ba ne ba le mo poifong e kgolo;

ka gobo Modimo o mo losikeng

lwa basiami.

6Lo tlhabisa kgakololo

ya mohumanegi ditlhong;

mme Jehofa

ke botshabelo jwa gagwe.

7A bo poloko ya Iseraele e ka bo

e tsile e tswa kwa Sione!

E tlaa re motlhang Jehofa o busang

botshwaro jwa batho ba gagwe,

foo Jakobe o tlaa itumela

le Iseraele o tlaa ipela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help