1 DITIRAFALO 21 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o bala batho ba gagwe

1Satane a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafite gore a bale Baiseraele.

2Dafite a raya Joabe le dikgosana tsa batho a re: “Yang lo bale Baiseraele go tswa Berešeba go ya fela kwa Dane; lo ntereletse lefoko gore ke tle ke itse palo ya bone.”

3Mme Joabe a re: “A Jehofa a ntsifatse batho ba gagwe, gore ba fete e e leng palo ya bone galekgolo, mme kgosi morena wa me, a ga se batlhanka ba morena wa me botlhe? Ana morena wa me o lopela eng selo se? Wa bo o gogela Baiseraele molato ka ntlha yang?”

4Le fa go ntse jalo lefoko la kgosi la fenya Joabe. Ka ntlha ya moo Joabe a tloga, a ya a ralala Baiseraele botlhe, a ba a tla Jerusalema.

5Joabe a naya Dafite tshobokanyo ya go balwa ga batho. Baiseraele ba le mmogo ba bo ba le 1 100 000; banna ba ba itseng go janja ka tšhaka; Bajuta ba bo ba le 470 000, e le banna ba ba itseng go kgadimokanya tšhaka.

6Mme Balefi le Babenjamine a se ka a ba balela mo go bone; gonne lefoko la kgosi le le maswe thata mo go Joabe.

7Mme Modimo wa itumologela selo se; ke gone ka moo a betsa Baiseraele.

8Dafite a raya Modimo a re: “Ke leofile thata ka ke dirile selo se. Jaana, ke a go rapela, tlosa boikepo jwa motlhanka wa gago; gonne ke dirile ka boeleele thata.”

9Jehofa a bua le Gate mmonedi wa ga Dafite a re:

10“Ya o bue le Dafite o re, Jehofa o bua jaana a re: ‘Ke baya dilo di le tharo fa pele ga gago; itshenkela sengwe mo go tsone, gore ke tle ke se go direle.’ ”

11Gate a tla mo go Dafite, a mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Tsaya se o se ratang;

12a e ka nna le fa e le dinyaga di le tharo tsa leuba; kgotsa go gailwa ka dikgwedi di le tharo fa pele ga baba ba gago, tšhaka ya baba ba gago e ntse e go tshwara; kgotsa e ka nna tšhaka ya ga Jehofa ka malatsi a le mararo, e bong kgogodi mo lefatsheng, le moengele wa ga Jehofa go senya mo melelwaneng yotlhe ya Iseraele?’ Jaana o gopole phetolo e ke tlaa e busetsang kwa go yo o nthomileng.”

13Mme Dafite a raya Gate a re: “Ke mo pitlaganong e kgolo; a ke wele mo seatleng sa ga Jehofa, gonne mautlwelo botlhoko a gagwe a magolo thata; ke se wele mo seatleng sa motho.”

14Jalo Jehofa a tsosetsa Baiseraele kgogodi; mme ga wa banna ba Baiseraele ba le 70 000.

15Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema a ya go o senya; mme ya re a itlhoma gore o a o senya, Jehofa a leba, mme a ikwatlhaela bosula, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye; gona seatla sa gago jaanong.” Moengele wa ga Jehofa a bo a eme fa seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse.

16Dafite a tsholetsa matlho, a bona moengele wa ga Jehofa a eme fa gare ga lefatshe le legodimo a tshotse tšhaka e ekilwe mo letsogong la gagwe le otlololetswe Jerusalema. Foo Dafite le bagolwane ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba apere letsela la kgetsi.

17Dafite a raya Modimo a re: “A ga se nna yo ke laotseng gore batho ba balwe? Ke nna fela yo ke leofileng ka ba ka ikepa thata; dinku tse tsone di dirileng? Ke a go rapela, Jehofa Modimo wa me, a seatla sa gago se nne mo go nna le mo ntlong ya ga rre; e seng mo bathong ba gago, gore ba se ka ba nna mo sebetsong.”

18Foo moengele wa ga Jehofa a laola Gate gore a reye Dafite a re, Dafite a ye a agele Jehofa sebeso mo seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse.

19Mme Dafite a ya ka polelo ya ga Gate e o e buileng ka leina la ga Jehofa.

20Mme Orenane a retologa, a bona moengele; bomorwawe ba bane ba ba nang nae ba iphitlha. Jaana Orenane a bo a fola mabele.

21Ya re Dafite a tla mo go Orenane, Orenane a leba, mme a bona Dafite, mme a tswa mo seboping sa pholelo a ikobela Dafite a isitse sefatlhogo fa fatshe.

22Foo Dafite a raya Orenane a re: “Nnaya felo ga sebopi se, sa pholelo, gore ke agele Jehofa sebeso gone; o tlaa se nnaya ka tlhwatlhwa e e tletseng, gore sebetso se khutlisiwe mo bathong.”

23Orenane a raya Dafite a re: “Se tseye fela, a kgosi morena wa me a dire se se molemo mo matlhong a gagwe; bona, ke go naya dikgomo go nna tshupelo e e fisiwang, le dilo tse go folwang ka tsone go nna dikgong, le mabele go nna tshupelo ya boupe; ke ntsha gotlhe fela.”

24Mme kgosi Dafite a raya Orenane a re: “Nnyaa; mme ruri ke tlaa go reka ka tlhwatlhwa e e tletseng; gonne ga nketla ke tsaya se e leng sa gago ke se tseela Jehofa, le fa e le go isa tshupelo e e fisiwang e ke sa e ntshetsang sepe.”

25Mme Dafite a reka felo foo mo go Orenane ka dipapetla tsa gouta di le 600.

26Mme Dafite a agela Jehofa sebeso gone, a isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso, a biletsa kwa go Jehofa; mme a mo araba a le mo legodimong ka molelo mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.

27Jehofa a laola moengele; mme a somela tšhaka mo kgatleng ya yone.

28Ya re ka lobaka loo, ka Dafite a bona fa Jehofa a mo arabile mo seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse, foo a isa tlhabelo gone.

29Gonne motlaagana wa ga Jehofa, o Moše o kileng a o dira mo nageng, le sebeso sa tshupelo e e fisiwang, di ne di le kwa felong fa go tlotlometseng kwa Gibeone ka lobaka loo.

30Mme Dafite o ne a sa kake a ya fa pele ga sone a ya go botsa mo Modimong; gonne a boifa ka ntlha ya tšhaka ya moengele wa ga Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help