PESALEMA 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya tshiamisoShigayone sa ga Dafite, se o se opeletseng Jehofa, ka ga mafoko a ga Kuše wa Mobenjamine.

1Jehofa Modimo wa me

ke ikanya mo go wena;

mpoloka mo go bone botlhe

ba ba nkhukhelang, mme o nkgolole.

2O ka tla a gagola mowa wa me

jaaka tau,

a o gagoganyetsa ruri

ka go se ope yo o gololang.

3Jehofa Modimo wa me

e ka re fa ke dirile selo se;

fa go na le boikepo

mo diatleng tsa me;

4e re fa ke diretse ene yo o neng

a le kagiso le nna bosula;

(ee, ke golotse fela ene yo e neng

e le moganetsi wa me wa ka bomo);

5jalo a mmaba

a khukhele mowa wa me

mme a o tshware.

Ee, a a gatakele botshelo jwa me

mo mmung,

a beye kgalalelo ya me

mo loroleng. Sela.

6Tloga o eme Jehofa

ka bogale jwa gago;

itlotloanyetse tšhakgalo

ya baganetsi ba me;

o bo o nkubugele;

katlholo yone o e laotse.

7A phuthego ya ditšhaba

e go dikanyeletse;

mme o le fa godimo ga bone

o boele kwa go ba okameng.

8Jehofa o direla ditšhaba katlholo;

nkatlhola, Jehofa,

ka fa tshiamong ya me

le ka fa go tlhokeng molato ga me,

mo go nna.

9 Ao! A boikepo jwa baikepi

bo khutle,

mme o tlhomamise basiami;

gonne Modimo o o tshiamo

o leka dipelo le diphilo.

10Thebe ya me e mo Modimong

o o bolokang

ba ba pelo di thokgameng.

11Modimo ke moatlhodi

yo o siameng,

ee, one ke Modimo o o galefang

ka malatsi otlhe.

12Fa motho a sa sokologe,

o tlaa lootsa tšhaka ya one;

o obile bora jwa one, o bo laetse.

13Le gone o mmaakanyeditse

dibolao tsa loso;

o dira metswi ya one

go nna diphulo tse di molelo.

14Bonang, motho

yoo o mo pelegong ka boikepo;

ee, o ne a ithwele bosenyi,

mme o tsetse maaka.

15O dirile lemena a le epa,

o bile o wetse mo longopeng

lo o lo dirileng.

16Bosenyi jwa gagwe

bo tlaa boela mo tlhogong ya gagwe,

go tlaa fologela

mo phogong ya gagwe.

17Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo

ka fa tshiamong ya gagwe;

le leina la ga Jehofa

yo o Mogodimodimo

ke tlaa le opelela pako.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help