JOELE 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlaa atlhola ditšhaba

1“Gonne, bonang,

e tlaa re mo metlheng eo,

le mo lobakeng loo,

mogang ke busang

botshwaro jwa Juta le Jerusalema,

2ke tlaa phutha merafe yotlhe,

ke tlaa e folosetsa

mo molapong wa ga Jehošafate;

ke tlaa ganetsanya nabo gone

ka ga batho ba me,

le ka ga boswa jwa me Baiseraele,

ba ba ba faladitseng mo merafeng,

mme ba kgaogana lefatshe la me.

3Ba bile ba theletse batho ba me bola;

ba ananya seaka ka mosimane,

ba reka bojalwa jwa mofine ka

ngwana wa mosetsana,

gore ba nwe.

4 “Ee, lo a bo lo le eng mo go nna, lona Ture le Sitone, le mafatshe otlhe a Filisitia? A lo tlaa nnaya tuelo? Fa lo mme ntuela ke tlaa busetsa tuelo ya lona ka bofefo le ka bonako mo tlhogong ya lona.

5E re ka lo tshotse selefera sa me le gouta ya me, mme lo isitse dilo tsa me tse dintle, tse di eletsegang, mo ditempeleng tsa lona;

6le bana ba Juta, le ba Jerusalema lo ba rekisitse mo go bomorwa Bagerika, gore lo ba tlosetse kgakala le molelwane wa bone;

7bonang, ke tlaa ba tsosa ba le kwa lo ba rekiseditseng gone, ke tlaa busetsa tuelo ya lona mo ditlhogong tsa lona:

8Ke tlaa rekisa bana ba lona ba basimane le ba basetsana mo seatleng sa bana ba Juta, mme ba tla ba rekisa mo bathong ba Sheba, mo morafeng o o kwa kgakala; gonne Jehofa o buile.”

9Bolelang selo se mo merafeng;

lo baakanyeng ntwa,

tsosang diganka,

a batlhabani botlhe ba atamele,

ba tlhatloge.

10 Thulang megoma ya lona ditšhaka,

le dithipa tsa lona tsa mabele

marumo;

a yo o bokoa, a re: “Ke thata.”

11Itlhaganeleng,

tlang lona merafe yotlhe

mo tikologong, phuthegang;

Jehofa,

folosetsa diganka tsa gago teng.

12A merafe e itsose, e tle

kwa molapong wa ga Jehošafate;

gonne ke tlaa dula teng

ke atlhola merafe yotlhe

mo tikologong.

13 Tsenyang thipa ya mabele,

gonne mabele a budule.

Tlang, lo gate;

gonne kgatisetso ya bojalwa jwa

mofine e tletse;

didibeletso di a penologa;

gonne boikepo jwa bone

bo bogolo.

14A bontsintsi, bontsintsi jwa batho

mo molapong wa katlholelo!

Gonne motlha wa ga Jehofa

o atametse

mo molapong wa katlholelo.

15Letsatsi le fifetse,

le kgwedi, le dinaledi

di gonyetse go phatsima

ga tsone.

Modimo o tlaa segofatsa batho ba one

16 Mme Jehofa o tlaa kgaratla

a le mo Sione,

o tlaa ntsha lentswe

a le mo Jerusalema,

magodimo a tlaa tlakasela

le lefatshe.

Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo

jwa batho ba gagwe,

le kago e e thata ya phemelo

mo baneng ba Iseraele.

17“Jalo lo tlaa itse

fa ke le Jehofa Modimo wa lona;

ke agile mo Sione,

thaba ya me e e boitshepo.

Foo Jerusalema o tlaa nna

boitshepo, mme ga o ketla

o tlhola o ralalwa ke baeng.

18“Go tlaa dirala mo motlheng oo,

go re dithaba di tlaa rotha

bojalwa jwa mofine jo bo monate,

makhubu a tlaa elela maši,

melatswana yotlhe ya Juta

e tlaa elela metsi;

le motswedi o tlaa tswa mo ntlong

ya ga Jehofa,

o nosa mokgatšha wa Shitime.

19Egepeto o tlaa nna tshwafalo,

le Etome o tlaa nna naga fela

e e swafetseng,

ka ntlha ya tshenyo

e e diretsweng bana ba Juta,

ka ba tsholotse madi

a a se nang molato

mo lefatsheng la bone.

20Juta o tlaa nna ka bosakhutleng,

le Jerusalema

go ya mo tshikatshikeng.

21Mme ke tlaa tlhapisa madi a bone

a ke iseng ke a tlhapise;”

gonne Jehofa o agile mo Sione.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help