PESALEMA 39 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boikwatlhao jwa moikepi yo o bogisegangPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo, e diretswe Jeduthuna.

1Ke rile:

“Ke tlaa tlhokomela ditsela

tsa me gore ke se ka ka leofa

ka loleme lwa me;

ke tlaa kganela molomo wa me

ka mogala, fa moikepi

a sa ntse a le fa pele ga me.”

2Ka nna semumu ka go tuulala,

ka didimalela le se se molemo;

bohutsana jwa me jwa kgoberega.

3Pelo ya me ya nna molelo

mo teng ga me;

ya re ke sa ntse ke tlhatlhanya,

molelo wa ba wa tuka;

foo ka bua ka loleme lwa me ka re:

4“Jehofa, nkitsise bofelelo jwa me,

le selekanyo sa malatsi a me,

gore ke eng;

a nke ke itse gore bomotlhošwana

jwa me bo kana ka jwa eng.

5Bona, o lekantse malatsi a me

jaaka dikatlhamo tsa seatla;

go tshela ga me go ntse jaaka

ga se sepe fa pele ga gago;

ruri motho mongwe le monge

le a le mo boemong jo bo gaisang,

ke lefela gotlhe fela.

6Ruri motho mongwe le mongwe

o tsamaya jaaka moriti fela;

ruri ba tlhobaediwa ke lefela;

o tle a koele mahumo, mme ga a

itse yo o tlaa a swelang molemo.

7Mme jaana Morena,

ke lebeletse eng?

Tsholofelo ya me e mo go wena.

8Nkgolola mo ditlolong tsa me

tsotlhe;

o se ka wa ntira sekgobo sa dieleele.

9Ke ne ke le semumu,

ga ke a ka ka tswa molomo,

ka gobo go dirile wena.

10Tlosa petso ya gago mo go nna;

ke nyeleditswe ke titeo

ya seatla sa gago.

11E tle e re fa o otlhaela motho

boikepo jwa gagwe ka dikgalemo,

o tle o nyeletse bontle jwa gagwe

jaaka tshwele;

ruri motho mongwe le mongwe

ke lefela. Sela.

12Utlwa morapelo wa me, Jehofa;

beela go gowa ga me tsebe; o se ka

wa didimalela dikeledi tsa me,

gonne ke moeng fela wa gago,

ke mojaki fela jaaka borraetsho

botlhe ba ne ba ntse.

13A ko o nthekegele,

gore ke tle ke rulwe,

ke ise ke tswe mono,

mme ke sa tlhole ke leyo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help