DUTERONOME 34 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Loso lwa ga Moše

1Moše a tswa mo dipaleng tsa Moabe, a tlhatloga thaba ya Nebo, mme Moše a ya tlhoreng ya Pisega, o o lebaganyeng le Jeriko. Jehofa a mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate, go ya kwa Dane;

2le la Nafetali lotlhe, le lefatshe la Eferaime le Manase, le lefatshe lotlhe la Juta, go ya kwa lewatleng le le kwa bophirimatsatsi;

3le ntlheng ya Borwa, le Lobala lwa molapo wa Jeriko, motse wa makolane, go ya kwa Soare.

4 Jehofa a mo raya, a re: “Lefatshe le ke lone le ke ikanetseng Aberahame, le Isake le Jakobe, ka re: ‘Ke tlaa le naya losika lwa gago’; ke le go bontshitse ka matlho a gago, mme ga o ketla o kgabaganyetsa gone.”

5Jalo Moše motlhanka wa Jehofa a swela gone mo lefatsheng la Moabe, ka fa lefokong la ga Jehofa.

6A fitlhwa mo mogogorong mo lefatsheng la Moabe bolebagana le Bethepeore; mme ga go ope yo o itseng ka ga phupu ya gagwe, le gompieno.

7Moše o rile a swa a bo a le dinyaga di le 120; leitlho la gagwe le ne le se lotobo, le thata ya gagwe ya tlholego e sa ngotlega.

8Bana ba Iseraele ba lelela Moše mo dipaleng tsa Moabe ka malatsi a le 30; jalo malatsi a selelo sa go hutsafalela Moše a fela.

9Jošua morwa Nune a bo a tletse mowa wa botlhale; gonne Moše a mmeile diatla; mme bana ba Iseraele ba mo reetsa, ba dira jaaka Jehofa a laotse Moše.

10 E sa le jalo, ga go ise go bo go tsoge moperofeti mo Iseraele yo o tshwanang le Moše, yo Jehofa o ne a mo itse go lebanywe difatlhogo.

11Mo ditshupong tsotlhe le dikgakgamatso tse Jehofa o ne a mo roma gore a di dire mo lefatsheng la Egepeto, mo go Faro, le mo batlhankeng botlhe ba gagwe, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe,

12le mo letsogong lotlhe la nonofo, le mo poifisong e kgolo yotlhe, dilo tse Moše a di dira mo ponong ya Baiseraele botlhe fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help