DIPALO 23 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa, le diphelefu di supa.”

2Balake a dira jaaka Balaame a buile; Balake le Balaame ba isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.

3Balaame a raya Balake a re: “Ema fa tshupelong ya gago e e fisiwang, nna ke tlaa tsamaya; e tlaa re gongwe Jehofa a tle go kopana le nna; le fa e le eng se o se ntshupetsang ke tlaa se go bolelela.” Mme a palama thota e e lobala fela.

4Modimo wa kopana le Balaame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dibeso di supa, ke isitse kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.”

5Jehofa a tsenya lefoko mo molomong wa ga Balaame, a re: “Boela kwa go Balake, o bue nae jaana.”

6A boela kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, ene le dikgosana tsotlhe tsa Moabe.

7A bua ka setshwantsho sa gagwe a re:

“Balake a tswa go ntsaya kwa Arame;

kgosi ya Moabe e ntshotse

kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi,

a re:

‘Ntlo, o mphutsetse Jakobe,

ntlo, o bopele Iseraele.’

8Ke tlaa hutsa jang

ene yo Modimo o sa mo hutsang?

Ke tlaa bopela jang

ene yo Jehofa a sa mmopelang?

9Gonne ke a mmona

ke le mo godimo ga mafika,

ke le mo godimo ga dithota

ke mo lebile;

bona, ke tšhaba

e e agileng e le yosi,

mme ga e ketla e balelwa

mo merafeng.

10E mang yo o ka balang

lorole lwa ga Jakobe,

kgotsa a bolela

palo ya kgaogano

ya bone ya Iseraele?

A ke swe loso lwa mosiami,

mme bokhutlo jwa me

bo nne jaaka jwa gagwe!”

11Balake a raya Balaame a re: “O ntiretseng? Ka go tsaya, ka re o tle o mphutsetse baba ba me, mme bona o ba segofaditse gotlhe fela.”

12A mo fetola a re: “A ga ke a na le go tlhokomela go bua fela se Jehofa o se ntsenyang mo molomong?”

Polelelopele ya bobedi ya ga Balaame

13Balake a mo raya, a re: “A ko o ye le nna, re ye kwa felong go sele, kwa o tlaa ba bonang o le teng; o tlaa bona sekhutlo sa bone fela, ga o ketla o ba bona botlhe; o tle o ba mphutsetse o le gone foo.”

14A mo isa kwa setlhabeng sa Sofime, kwa tlhoreng ya Pisega, a aga dibeso di supa teng, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.

15A raya Balake, a re: “Ema fano fa tshupelong ya gago e e fisiwang, ka ke sa ya go kopana le Jehofa fale.”

16Jehofa a kopana le Balaame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe, a re: “Boela kwa go Balake, o bue jaana.”

17A tla kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, le dikgosana tsa Moabe di na nae. Balake a mo raya a re: “Jehofa o buileng?”

18A bua ka setshwantsho sa gagwe a re:

“Ema Balake o utlwe,

o ntheetse wena morwa Sipore:

19Modimo ga se motho

yo o ka akang,

le gone ga se morwa motho

yo o ka ikwatlhayang;

kgotsa, a o buile,

mme a ga o ketla o se dira?

Kgotsa a o ntshitse lentswe,

ga o ketla o le tlhomamisa?

20Bona, ke neilwe taolo

ya gore ke segofatse;

one o segofaditse,

mme nna ga nkake ka fetola.

21Ga o a bona boikepo mo go Jakobe

le gone ga o a bona bokgopo

mo go Iseraele;

Jehofa Modimo wa gagwe

o na nae,

lošalaba lwa kgosi lo mo go bone.

22Modimo o ba ntsha mo Egepeto;

o na le thata ekete ya nare.

23Ruri Jakobe ga a na mereo,

Iseraele ga a na ditaola;

jaanong go tlaa buiwa

ka ga Jakobe le Iseraele go twe:

‘Ana Modimo o dirileng!’

24Bona, tšhaba e,

e nanoga jaaka tau e namagadi,

le jaaka tau e tona,

e ikgogomosa jalo;

ga e ketla e robala e ise e je thopo,

e ise e nwe madi

a ba ba bolailweng.”

25Balake a raya Balaame, a re: “O se ka wa ba hutsa gope, le gone o se ka wa ba segofatsa gope.”

26Balaame a fetola a raya Balake, a re: “A ga ke a go bolelela ka re: Gotlhe mo Jehofa o go buang, ke na le go go dira fela?”

Polelelopele ya boraro ya ga Balaame

27Balake a raya Balaame, a re: “Ntlo, ke tlaa go isa kwa felong go sele, e tlaa re gongwe go kgatlhe Modimo gore o ba mphutsetse o le gone foo.”

28Balake a isa Balaame kwa tlhoreng ya Peore e e okameng sekaka.

29Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa le diphelefu di supa.”

30Balake a dira jaaka Balaame a buile, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help