ISAIA 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Bogosi jwa kagiso jwa ntlo ya ga Dafite

1 Go tlaa tswa letlhogela mo thitong ya ga Jese, mme letswela le le tswang mo metsweng ya gagwe le tlaa ungwa.

2Mowa wa ga Jehofa

o tlaa nna mo go ene,

mowa wa botlhale

le wa tlhaloganyo,

mowa wa kgakololo le wa nonofo,

mowa wa kitso

le wa go boifa Jehofa.

3Go thama ga gagwe go tlaa nna

mo go boifeng Jehofa;

ga a ketla a atlhola

ka fa ponong ya matlho a gagwe,

le fa e le go kgalema ka fa kutlong

ya ditsebe tsa gagwe.

4 O tlaa atlholela bahumanegi

ka tshiamo,

a kgalemelele bakgobaladi

ba lefatshe ka tekatekanyo;

mme o tlaa itaya lefatshe

ka thupa ya molomo wa gagwe,

a bolaya baikepi ka mowa

wa dipounama tsa gagwe.

5 Tshiamo e tlaa nna moitlamo

wa lotheka lwa gagwe,

le boikanngo bo nne moitlamo

wa dirope tsa gagwe.

6 Phiri e tlaa aga le kwanyana,

nkwe e tlaa botha le potsane;

le namane le tawana

di tlaa fula mmogo;

mme ngwanyana yo monye

o tlaa di goga.

7Kgomo e namagadi

e tlaa fula e na le bera;

bana ba tsone ba tlaa botha mmogo;

mme tau e tlaa ja motlhaka jaaka

kgomo.

8Ngwanyana yo o anyang

o tlaa tshameka fa mosimeng

wa kake,

ngwanyana yo o kgwisitsweng

o tlaa baya seatla sa gagwe

fa kutleng ya šaušawane.

9 Ga di ketla di utlwisa botlhoko

le fa e le go senya mo thabeng

yotlhe ya me e e boitshepo;

gonne lefatshe le tlaa bo

le tletse kitso ya go itse Jehofa,

jaaka metsi a khurumeditse lewatle.

Ditshwarwa di tlaa busediwa gae

10 Go tlaa dirala mo letsatsing leo, go re motswe wa ga Jese, yo o emeng a le mokgele wa ditšhaba, merafe e tlaa leba kwa go ene; mme felo fa o nnang gone go tlaa nna kgalalelo.

11Go tlaa dirala mo letsatsing leo go re Morena o tlaa ntsha letsogo la gagwe gape go ba a tsaya masalela a batho ba gagwe, a a tlaa bong a setse, a tswa Asiria le kwa Egepeto, le kwa Patherose, le kwa Kuše, le kwa Elame, le kwa Shinare, le kwa Hamathe, le kwa ditlhakeng tsa lewatle.

12O tlaa tlhomela merafe mokgele mme o tlaa kokoanya balelekwi ba Iseraele; o tlaa phuthela mmogo bafaladi ba Juta ba tswa dikgokgotshong tsoo nne tsa lefatshe.

13Lefufa la ga Eferaime le lone le tlaa tloga, le ba ba tshwenyang Juta ba tlaa kgaolwa; Eferaime ga a ketla a nna lefufa le Juta, le Juta ga a ketla a tshwenya Eferaime.

14Ba tlaa phomegela mo leruding la Bafilisitia ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi; mmogo ba tlaa thopa bana ba botlhabatsatsi; ba tlaa ntshetsa letsogo la bone kwa Etome le Moabe; mme bana ba Amone ba tlaa ba ineela.

15 Jehofa o tlaa senyetsa ruri senwane sa lewatle la Egepeto; mme o tlaa thokgosetsa letsogo la gagwe godimo ga Noka ka phefo ya gagwe e e tshubang, o tlaa e betsa e nna dinokana di supa, o tlaa di kgabagantsha batho ka dinao di ikomeleletse fela.

16Go tlaa nna tsela e tona ya mheru ya masalela a batho ba gagwe, ba ba tlaa bong ba setse ba tswa Asiria; jaaka e kile ya ne e le ya ga Iseraele mo motlheng o ba duleng mo lefatsheng la Egepeto ka one.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help