SEFELA SA DIFELA 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sa Basadi

1Kana moratwa wa gago o ile kae,

wena yo o leng montlentle bogolo

mo basading?

Moratwi wa gago o menogetse kae

gore re tle re mo go batlise?

Sa Mosadi

2Moratwi wa me

o fologetse kwa tshimong ya gagwe,

kwa ditemaneng tsa dinkgisa

monate, o ile go ja mo masimong,

le go kgetla dithunya tsa masoma.

3Ke wa gagwe moratwi wa me,

le moratwi wa me ke wa me;

o hudisa letsomane la gagwe

mo gare ga dithunya tsa masoma.

SEFELA SA BOTLHANOSa Monna

4O montle, wena moratwa wa me,

jaaka Tiresa, o sebopego se sentle

jaaka Jerusalema, o a boitshega

jaaka ntwa e e tshotseng mekgele.

5Thibosa matlho a gago mo go nna,

gonne a mphentse.

Moriri wa gago

o ntse jaaka letsomane la dipodi,

le le robetseng fa mohapheng wa

Gileate.

6Meno a gago

a ntse jaaka letsomane la dinku

tse dinamagadi,

tse di tlhatlogileng mo tlhapisong;

tse nngwe le nngwe ya tsone

e nang le bana ba mafatlha,

le tse go se nang epe mo go tsone

e e swetsweng.

7Dipupu tsa gago tsa matlho

di ntse jaaka kgapetla ya garanate

ka fa teng ga sesiro sa gago.

8Go na le bahumagadi ba kgosi

ba le masome a marataro,

le bagadingwana

ba le masome a a ferang mebedi,

le barweetsana ba ba se nang palo.

9Mme letseba la me,

moitekanedi wa me o mongwe fela;

ke ene esi wa ga mmaagwe;

ke ene yo o itshenketsweng

wa gagwe yo o mo tsetseng.

Bana ba basetsana ba ne ba mmona,

mme ba mmitsa mosegofadiwi;

ee, bahumagadi ba kgosi

le bagadingwana, ba mmona,

mme ba mmaka.

10E mang ene yo o gadimang jaaka

moso, a le montle jaaka ngwedi,

a itshekile jaaka letsatsi,

a boitshega jaaka ntwa e e nang

le mekgele?

11Ka fologela kwa tshimong

ya dithamane,

ka ya go bona ditlhatshana

tse ditala tsa molapo,

ka ya go bona,

go re a mofine o a kukunya,

le go re, a garanate

o ntshitse dithunya.

12Ya re ke sa itse sepe

ka tshoga mowa wa me o mpaya

mo gare ga dikara tsa batho ba me

ba segosi.

Sa Basadi

13Boa, boa, Mošulame we;

boa, boa gore re tle re go lebe.

Mosadi

Ana lo ratelang go leba Mošulame,

jaaka e ka bo e le pino

ya Mahanaime?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help