PESALEMA 144 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go namolwa le ya letlhogonoloPesalema ya ga Dafite.

1A go bakwe Jehofa,

lefika la me, yo o rutang

diatla tsa me go dira ntwa,

le menwana ya me go tlhabana.

2Bopelonomi jwa me jwa lorato,

le kago ya me ya phemelo;

kago e e godileng thata ya me

ya phemelo le mogolodi wa me;

thebe ya me e bile ke ene

yo ke mo ikanyang;

yo o fenyetsang batho ba me kwa

tlase ga me.

3 Jehofa, kana motho e be e le eng

fa e bo ne ne o mo tlhokometse

jaana?

Le morwa motho fa e bo ne ne

o mo kaya e le sengwe jaana?

4Motho o ntse jaaka lefela fela;

malatsi a gagwe a ntse

jaaka moriti o o fetelang koo.

5Jehofa, oba magodimo a gago,

mme o fologe, ama dithaba,

mme di tlaa kua mosi.

6Gadimisa dikgadima,

o ba phatlalatse;

ntsha metswi ya gago, o ba alole.

7Otlolola seatla sa gago

o le koo godimo; mphamola,

o ntshwatole mo metsing a magolo,

mo seatleng sa baeng;

8ba melomo ya bone

e buang boithamako;

le seatla sa bone se se siameng

ke seatla se se siameng sa maaka.

9Modimo,

ke tlaa go opelela sefela se seša;

ke tlaa go opelela dipako

ka seletso se se megala e le some.

10Ke one o o nayang dikgosi poloko;

o o falodisang Dafite,

motlhanka wa one

mo tšhakeng e e utlwisang botlhoko.

11Mphalodisa,

o nkgolole mo seatleng sa baeng

ba molomo wa bone

o buang boithamako,

ba seatla sa bone se se siameng

e leng seatla se se siameng sa maaka.

12E tlaa re bomorwaa rona

ba nna jaaka ditlhatshana

tse di godileng

mo bokaung jwa bone;

le bomorwadia rona

ba nna jaaka maje a kgokgotsho,

a a betlilweng

ka fa mokgweng wa ntlo ya segosi;

13e tlaa re matlo a rona

a polokelo a tletse,

go fitlhelwa dithoto

di le methalethale mo go one;

le manku a rona

a tsala makgolokgolo

mo mebileng ya rona;

14e tlaa re dipelesa tsa rona

di belesitse thata;

e tlaa re go tlhagela mo teng

le go thobela kwa ntle go seyo,

mme go se na legalo

mo mebileng ya rona;

15go bo go le sego tšhaba

e e mo boemong jo bo ntseng jalo;

ee, go sego tšhaba

e Modimo wa yone e leng Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help