JOBE 32 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu(Jobe 32:1 – 37:24)

1Jalo banna ba bararo bao ba khutla go fetola Jobe, ka a ipona a le tshiamo.

2Foo ga tuka bogale jwa ga Elihu morwa Barakele wa Mobusa, wa losika lwa ga Rame; bogale jwa gagwe jwa tukela Jobe, ka a itshiamisa bogolo go Modimo.

3Gape bogale jwa gagwe jwa tukela ditsala tsa gagwe tse tharo, ka ba se ka ba bona phetolo, le fa go ntse jalo ba sekisitse Jobe.

4Jaana Elihu o ne a letile lobaka lwa go bua le Jobe, ka ba le bagolo mo go ene.

5E rile Elihu a bona fa go se na phetolo mo melomong ya banna ba bararo bao, bogale jwa gagwe jwa tuka.

6Elihu morwa Barakele wa Mobusa a bua a re:

“Nna ke lekau,

mme lona lo bagologolo;

ke gone ka moo ka ikefa,

ka boifa go lo bontsha

mogopolo wa me.

7Ka re: ‘Go ko go bua malatsi,

le bontsi jwa dinyaga bo tshwanetse

go ruta batho botlhale.’

8Mme mowa o gone mo mothong,

le go budula ga Mothatayotlhe

go tle go ba neye tlhaloganyo.

9Ba batona ga se bone ba ba botlhale,

le fa e le batsofe

ba ba tlhaloganyang katlholo.

10Ke gone ke rileng: ‘Ntheetsang;

le nna ke tlaa lo bontsha mogopolo

wa me.’

11“Bonang, ka lebelela mafoko a lona,

ka reetsa ditharabololo tsa lona,

ka lo no lo fophola

se lo tlaa se buang.

12Ee, ka lo ela tlhoko, mme go ne

go se ope yo o kgonneng Jobe,

kgotsa yo o fetotseng mafoko

a gagwe mo go lona.

13Lo itise, e se re kgotsa lwa re:

‘Re bonye botlhale;

Modimo o ka mo fenya,

e seng motho;’

14gonne mafoko a gagwe

ga a ka a a ntebisa go nnyatsa;

le gone ga nketla ke mo fetola

ka dipolelo tsa lona.

15Ba tseanye, ga ba tlhole ba fetola,

ga ba na lefoko lepe le ba le buang.

16A ke tlaa ba leta,

ka ba sa bue, ka ba eme fela

ba sa tlhole ba fetola?

17Le nna ke tlaa fetola ntlheng ya me,

le nna ke tlaa ntsha

mogopolo wa me.

18Gonne ke kgotshe mafoko;

mowa o o mo teng ga me

wa mpatelela.

19Bonang, mpa ya me

e tshwana jaaka bojalwa jwa mofine

jo bo se nang botso;

jaaka mefalo e meša,

e batlile go phanyega.

20Ke tlaa bua, gore ke sehumole,

ke tlaa tumolola dipounama tsa me

ke fetola.

21Ke a go rapela,

o se ka wa ntesa ka gobela ope;

le gone ga nketla ke raya motho ope

maina a a hakang;

22gonne ga ke itse go raya batho

maina a a hakang,

Mmopi wa me o ne a ka tla a ntlosa

ka bonako.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help