PESALEMA 57 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go gololwa mo go ba ba bogisang(Pes 108:1-5)Pesalema ya ga Dafite; Mikitame, ya jale fa a tshabile Saule, mme a le mo logageng. Pina ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Alatašahetha.

1Nkutlwela botlhoko Modimo,

a ko o nkutlwele botlhoko;

gonne mowa wa me

o tshabela mo go wena;

ee, ke tlaa tshabela mo moriting

wa diphuka tsa gago,

go tsamaya dithekisego tse di fete.

2Ke tlaa tlhaeleletsa kwa Modimong

o o Mogodimodimo,

e bong Modimo o o ntirelang

dilo tsotlhe.

3O tlaa roma o le kwa legodimong,

o mpoloka,

mogang yo o ratang go nkometsa

o nkgobang; Sela;

o tlaa ntshetsa boutlwelobotlhoko

jwa one le boammaaruri kwa ntle.

4Mowa wa me o mo ditaung;

ke lala mo go ba ba tukang molelo,

e bong bana ba batho,

ba meno a bone

a leng marumo fela le metswi;

le ba loleme lwa bone

e leng tšhaka e e bogale.

5Modimo, o goletsegele godimo ga

magodimo; a kgalalelo ya gago

e nne godimo ga lefatshe lotlhe.

6Ba baakanyeditse dikgato tsa me

lotloa; mowa wa me o obegile;

ba epile lemena fa pele ga me;

bone ka bosi ba bile ba wetse

mo gare ga lone. Sela.

7Pelo ya me e nitame, Modimo,

pelo ya me e nitame; ke tlaa opela;

ee, ke tlaa opela dipako.

8Tsoga kgalalelo ya me;

saletare le harepe tsogang;

nna ka nosi ke tlaa tsoga

ka maphakela a magolo.

9Ke tlaa go ntshetsa malebogo

Morena mo ditšhabeng;

ke tlaa go opelela dipako

mo merafeng.

10Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago

bo bogolo go ya go fitlha kwa

magodimong,

le boammaaruri jwa gago

go ya go fitlha kwa godimodimo.

11Modimo, o goletsegele

godimo ga magodimo;

a kgalalelo ya gago e nne godimo

ga lefatshe lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help