ISAIA 53 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 E mang yo o dumetseng

polelo ya rona,

le lone letsogo la ga Jehofa

le senoletswe mang?

2Gonne o ne a gola fa pele ga gagwe

jaaka setlhatshana se setalana,

le jaaka motswe o o tlhogang

mo mmung o o omeletseng;

ga a na setshwano

le fa e le bontle;

mme fa re mmona, ga go na bontle

jo re ka bong re mo eletsa ka jone.

3O ne a nyadiwa, a ba a ganwa

ke batho;

monna wa mahutsana,

a tlwaetse pelo e botlhoko;

a nyadiwa jaaka mongwe

yo batho ba mo subelang

difatlhogo tsa bone,

mme ra se ka ra mo ngoka.

4 Ruri, o ntse a rwele

pelodibotlhoko tsa rona,

a sikere mahutsana a rona;

le fa go ntse jalo

ra mo kaya go re,

o bediwa fela,

a itewa ke Modimo fela,

a bogisiwa fela.

5 O na a ntshediwa ditlolo tsa rona

matsanko,

a teketelwa maikepo a rona;

petso e e re direlang kagiso

e ne e le mo go ene;

re bile re fodisiwa

ka dingalo tsa gagwe.

6 Rona rotlhe re timetse jaaka dinku;

mongwe le mongwe o fapogetse

kwa tseleng e e leng ya gagwe;

mme Jehofa o kokoanyeditse

maikepo otlhe a rona mo go ene.

7 O ne a patikwa,

le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela,

a se ka a ba a tswa molomo;

jaaka kwanyana

e e gogelwang kwa tlhabong,

le jaaka nku e le semumu

fa pele ga babeodi ba yone.

Ee, ga a ka a tswa molomo gope.

8O ne a tlosiwa ka patiko le tshekiso;

mme emang mo go ba ga gabo

yo o akantseng go re,

kana o kgaolwa fela mo lefatsheng

la batshedi?

O ne a belediwa tlolo

ya batho ba me.

9 Phupu ya gagwe ba e dira

ya nna le tsa baikepi,

mme a nna le bahumi

mo losong lwa gagwe;

le fa a se ka a dira tshenyo gope,

le gone go ne go se na tsietso epe

mo molomong wa gagwe.

10Le fa go ntse jalo ga kgatlha Jehofa

go mo teketa;

o mo tlhokofaditse pelo.

Mogang o dirang mowa wa gagwe

go nna tshupelelo ya boleo,

o tlaa bona losika lwa gagwe,

o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe,

le go kgatlhega ga Jehofa

go tlaa kokotlegela

mo seatleng sa gagwe.

11O tlaa bona ga mabote

a mowa wa gagwe,

mme go tlaa mo ya le pelo;

motlhanka wa me yo o siameng

o tlaa siamisa batho ba le bantsi

ka kitso ya gagwe;

mme o tlaa belega maikepo a bone.

12 Ke gone ka moo

ke tlaa mo abelang

kabelo mo bagolong,

mme o tlaa kgaogana thopo

le bathata;

gonne o nne a goromeletsa mowa

wa gagwe losong,

a balwa le batlodi;

le fa go ntse jalo

o ne a rwele boleo

jwa batho ba le bantsi,

le batlodi a ba rapelela thata.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help