PESALEMA 148 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lobopo lotlhe lo kgothadiwa go galaletsa Jehofa

1Bakang Jehofa, lo bakeng

Jehofa lo le kwa magodimong;

mmakeng mo mafelong a a godimo.

2Mmakeng lona lotlhe baengele

ba gagwe; mmakeng lona lotlhe

masomosomo a gagwe.

3Lo mmakeng letsatsi le kgwedi;

lo mmakeng lona lotlhe

dinaledi tsa lesedi.

4Mmakeng lona magodimo

a magodimo, le lona metsi

a lo leng kwa godimo ga magodimo

5A tsotlhe di bake leina la ga Jehofa;

gonne o ne a laola,

mme tsa tlholega.

6Le gone

o di tlhomamiseditse bosakhutleng

le bosaengkae; o tlhomile molao

o o se ketlang o feta.

7Bakang Jehofa lo le mo lefatsheng,

lona maruarua,

le lona lotlhe madiba a a boteng;

8molelo le sefako;

kapoko le mouwane,

phefo e e matsubutsubu

e e dirafatsang lefoko la gagwe;

9dithaba le dithabana tsotlhe;

ditlhare tse di ungwang,

le masetara otlhe;

10diphologolo le dikgomo tsotlhe;

dilo tse di gagabang le dinonyane

tse di fofang;

11dikgosi tsa lefatshe

le ditšhaba tsotlhe; dikgosana

le baatlhodi botlhe ba lefatshe;

12makau a na le basetsana;

banna bagolo le banyana;

13a ba bake leina la ga Jehofa;

gonne leina la gagwe ke lone losi

le le goletsegileng;

kgalalelo ya gagwe

e godimo ga lefatshe le legodimo.

14O goleditse

lonaka lwa batho ba gagwe,

pako ya baitshepi ba gagwe botlhe;

e bong bana ba Iseraele,

e le tšhaba e e gaufi le ene.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help