JOBE 29 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Polelo ya bofelo ya ga Jobe ka ga gagwe

1Mme Jobe a fela a tlhaba seane sa gagwe, a re:

2“A bo ke ka bo ke ntse jaaka

mo dikgweding tsa bogologolo,

jaaka mo malatsing

a Modimo o ntisitseng ka one;

3ka lampa ya one wa mphatsimela

mo tlhogong,

mme ka tsamaya ka lesedi la one;

4jaaka ke ne ke le mo nonofong

ya malatsi a me,

jaaka ka tsalano ya Modimo

e le mo mogopeng wa me;

5ka Mothatayotlhe

a sa ntse a na le nna,

le bana ba me

ba le tikologong ya me;

6ka dikgato tsa me

di ne di tlhapisiwa ka madila a maši,

mme lefika la nthelela

dinoka tsa lookwane!

7E ne e tle e re ke tswela

kwa kgotleng kwa motseng,

e re ke baakanya setulo sa me

mo mmileng,

8makau a ne a tle a re a mpona

a iphitlhe,

le banna bagolo ba nanoge

ba eme ka dinao;

9dikgosana di khutle go bua,

di ipeye seatla mo molomong;

10lentswe la bagolwane le tuulale,

le loleme lwa bone

lo ngaparele magalapa a bone.

11Gonne e ne e tle e re tsebe

e nkutlwa, foo e ntshegofatse;

e re leitlho le mpona, le supe ga me;

12gonne ke ne ke pholosa

mohumanegi yo o goelelang,

le lesiela le le se nang ope

yo o le thusang.

13Tshegofatso ya yo o batlileng

go nyelela ya tla mo go nna;

pelo ya mosadi wa motlholagadi

ka e ipedisa ka boitumelo.

14Ka apara tshiamo, mme ya nkapesa;

tekatekanyo ya me

e ne e ntse jaaka kobo

le tlhoro ya bogosi.

15Ke ne ke le matlho a difofu,

ke le dinao tsa batlhotsi.

16Ke ne ke le rra batlhoki;

ka ba ka tlhotlhomisa mafoko

a tsheko a yo ke sa mo itseng.

17Ka roba ditlhaya tsa mosiamolodi,

ka phamola thopo

mo menong a gagwe.

18Foo ka re ke tlaa swela

mo setlhageng sa me,

ke tlaa ntsifatsa malatsi a me

a nna jaaka mošawa.

19Modi wa me o anametse kwa

metsing, monyo o lala

o le mo kaleng ya me bosigo jotlhe.

20Borena jwa me bo ntse boša

mo go nna, bora jwa me

bo šafetse mo seatleng sa me.

21Batho ba ne ba tle ba ntshekegele

tsebe, ba lebelele,

ba didimalele kgakololo ya me.

22E re morago ga mafoko a me

ba se ke ba tlhole ba bua;

mme puo ya me ya ba rothela.

23Ba ne ba ntebelela

jaaka go lebelelwa pula;

ba atlhamolosa legano thata

jaaka ekete go na pula

ya kgogolammoko.

24Fa ke ne ke ba tshega

ba se ke ba go dumele;

le go sa ga matlho a me

ba se ke ba go tlhontshe.

25Ka ba senkela tsela ya bone,

mme ka nna tlhogo,

ka ba ka aga jaaka kgosi mo ntweng,

jaaka mongwe yo o gomotsang

bahutsafadi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help