1 DIKGOSI 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elija o tshabela kwa Thabeng ya Sinai

1Ahabe a bolelela Jesebele gotlhe mo Elija o go dirileng, le jaaka a bolaile baperofeti botlhe ka tšhaka.

2Foo Jesebele a roma motho kwa go Elija, a re: “A medimo e ntirele jalo, e be e go fetise fa e tlaa re ka moso go re jaana, ke bo ke sa dire botshelo jwa gago bo etsa botshelo jwa mongwe wa bone.”

3E rile Elija a bona jalo a nanoga, a itshabisa loso, a tla kwa Beerešeba o o leng wa Juta, mme a tlogela motlhanka wa gagwe gone.

4Ene a fetela kwa nageng, loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a fitlha a dula fa tlase ga setlhare sa mosu; a itopela gore a swe, a re: “Go lekanye; jaanong, Jehofa, tlosa botshelo jwa me; gonne ga ke gaise borraetsho ka molemo.”

5A rapama a thulamela fa tlase ga setlhare sa mosu; mme bonang, moengele mongwe a mo tobetsa ka monwana, a mo raya a re: “Tsoga o je.”

6A leba, mme bonang, fa tlhogong ya gagwe go le papetlana ya senkgwe se se besitsweng mo magaleng le kurwana ya metsi. A ja, a nwa, a itse go rapama gape.

7Moengele wa ga Jehofa a tla gape lwa bobedi, a mo tobetsa ka monwana a re: “Tsoga o je; gonne loeto lo logolo bobe mo go wena.”

8Mme a tsoga, a ja a nwa, ya re ka thata ya dijo tseo a tsamaya malatsi a a 40 le masigo a a 40, mme a fitlha kwa Horebe thaba ya Modimo.

9A tla mo logageng longwe gone, a lala gone; mme bonang, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene, a mo raya a re: “O dirang fano, Elija?”

10 A re: “Ke ntse ke le lefufa ka ga Jehofa, Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; mme nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”

11Mme a re: “Tswela kwa ntle, o eme mo thabeng fa pele ga Jehofa.” Mme bonang, Jehofa a feta, mme phefo e kgolo e e thata ya phatlola dithaba, ya thubaganya mafika fa pele ga Jehofa, mme Jehofa a bo a se mo phefong; morago ga phefo ga nna thoromo ya lefatshe; mme Jehofa a bo a se mo thoromong ya lefatshe;

12morago ga thoromo ya lefatshe ga nna molelo; mme Jehofa a bo a sa mo molelong; morago ga molelo ga nna lentswe le lesesane, le le kokobetseng.

13Ga nna jaana, ya re Elija a le utlwa, a ipipa sefatlhogo ka kobo ya gagwe, a tswela kwa ntle, a ema fa botsenong jwa logaga. Mme bonang, ga tla lentswe kwa go ene, la re: “O dirang fano, Elija?”

14Mme a re: “Ke ntse ke le lefufa ka Jehofa Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago; ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”

15 Jehofa a mo raya a re: “Ya o bowe ka tsela ya naga ya Damaseko, o tlaa re o fitlha gone, o tlotse Hasaele gore a nne kgosi ya Siria;

16 Jehu morwa Nimeši o mo tlotse gore a nne kgosi ya Iseraele; Eliša morwa Shafate wa Abelemehola o mo tlotse gore a tle a nne moperofeti mo boemong jwa gago.

17Go tlaa dirala go re yo o falolang mo tšhakeng ya ga Hasaele, Jehu o tlaa mmolaya; le yo o tlaa falolang mo tšhakeng ya ga Jehu, Eliša o tlaa mmolaya.

18 Mme le fa go ntse jalo ke tlaa itshiela ba le 7 000 mo go Baiseraele, ba mangole otlhe a bone a se kang a khubamela Baale, le ba molomo mongwe le mongwe wa bone o se kang wa mo atla.”

Eliša o a bidiwa

19Jalo a tloga gone, a ya a fitlhela Eliša morwa Shafate a lema, a na le dikgomo di le dijokwe di le 12 fa pele ga gagwe, mme ene a le fa go tsa jokwe ya 12; Elija a kgabaganyetsa kwa go ene, a latlhela kobo ya gagwe mo go ene.

20A tlogela dikgomo, a sianela kwa go Elija a re: “Ke a go rapela, a ko o mme ke atle rre le mme, foo ke tlaa go sala morago.” A mo raya a re: “Boa; gonne ke go rileng?”

21A boa mo go mo saleng morago, a tsaya dikgomo tsa jokwe, a di tlhaba, a apaya nama ya tsone ka dikgong tsa dikgomo, a fa batho, ba ja. Mme a nanoga a sala Elija morago, a mo direla.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help