PESALEMA 129 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go digwa ga baba ba SioneSefela sa Ditlhatlogo.

1A Iseraele a bue jaana, a re:

“Ba sa le ba ntlhokofatsa

gantsintsi, le mo bokaung jwa me

go tla nakong eno;

2ba sa le ba ntlhokofatsa gantsintsi

mo bokaung jwa me

go tla nakong eno;

le fa go ntse jalo

ga ba ise ba mphenye.

3Balemi ba lemile mokotla wa me;

ba lelefatsa meralo ya bone.”

4Jehofa o tshiamo,

o kgaotse dikgole tsa baikepi.

5Botlhe ba ba ilang Sione

a ba tlhajwe ke ditlhong,

mme ba busediwe kwa morago.

6A ba nne jaaka bojang

jo bo mo godimo ga matlo,

jo bo omelelang bo ise bo gole;

7jo mokgetli o sa tlatseng

seatla sa gagwe ka jone,

le yo o bofang dingata

o sa tlatseng sehuba ka jone;

8le ba ba fetang ga ba ke ba bua

ba re: “Tshegofatso ya ga Jehofa

e nne mo go lona;

re lo segofatsa mo ineng la Jehofa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help