1Fa Jehofa a sa age ntlo,
ba ba e agang ba direla lefela;
fa Jehofa a sa dise motse,
molebedi o tsogela lefela fela.
2Ke lefela fela mo go lona
fa lo tsoga ka maphakela,
lo ba lo ya go robala
go le bosigo thata,
lo ba lo ja dijo tsa letsapa;
gonne o naya baratwana ba gagwe
boroko jalo.
3Bona, bana ke boswa jwa Jehofa;
le loungo lwa sebopelo
ke tuelo ya gagwe.
4Jaaka metswi
mo seatleng sa monna yo o senatla,
banna ba bokau ba ntse jalo.
5Go sego monna yo mokotlopo
wa gagwe o ba tletseng;
ba tlaa re ba bua le baba fa kgorong,
ba se ke ba tlhajwe ke ditlhong.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
