PESALEMA 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Botshabelo jwa basiamiPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Ke ikanya mo go Jehofa;

ana lo raya mowa wa me jang,

lo re:

“Tshabela kwa thabeng ya lona

jaaka dinonyane?

2Gonne bonang,

aitse baikepi ba oba bora,

ba laela motswi wa bone

mo mogaleng wa bora,

gore ba tle ba re ba le mo lefifing

ba hule ba ba pelo di thokgameng.

3E a re fa metheo e senngwa,

mosiami o ka dirang”?

4Jehofa o mo tempeleng ya gagwe

e e boitshepo;

Jehofa, setulo sa gagwe sa bogosi

se mo legodimong;

matlho a gagwe a lebile bana ba batho,

dintshi tsa gagwe tsa matlho

di a ba leka.

5Jehofa o leka basiami;

moikepi le yo o ratang go thubaka,

mowa wa gagwe o a ba ila.

6O tlaa nesetsa baikepi meoko;

molelo le sulefura, le phefo e e fisang,

dilo tse, e tlaa nna senwelo sa bone

se ba se abetsweng.

7Gonne Jehofa o siame;

o rata tshiamo;

bathokgami ba tlaa bona

sefatlhogo sa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help