PESALEMA 33 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pako go motlhodi le modibedi

1Itumeleng mo go Jehofa,

lona basiami; pako ke bontle

jo bo tshwanetseng

ba ba thokgameng.

2Ntshetsang Jehofa malebogo

ka harepe;

lo mo opelele ka saletare

se se ditlhale di some.

3Mo opeleleng sefela se seša;

letsang ka botswerere,

ka modumo o mogolo.

4Gonne lefoko la ga Jehofa le siame;

le tiro yotlhe ya gagwe

e dirwa mo boikanyegong.

5O rata tshiamo le tshiamiso;

lefatshe le tletse lorato

lo lo tlhomameng lwa ga Jehofa.

6Magodimo a dirilwe ka lefoko

la ga Jehofa; le lesomosomo

lotlhe le le mo go one

ka mowa wa molomo wa gagwe.

7O kgobokanya metsi a lewatle

a nne jaaka mokoa;

o beile madiba a a botengteng

mo matlong a polokelo.

8A lefatshe lotlhe le boife Jehofa;

a banni botlhe ba lefatshe

ba mo sisimoge.

9Gonne o ne a bua,

mme ga dirala; a laola,

mme ga ema ka tlhomamo.

10Jehofa o dira kgakololo ya merafe

go nna lefela;

o dira megopolo ya ditšhaba

go nna e se na tiro.

11Kgakololo ya ga Jehofa

e eme ka tlhomamo ka

bosenabokhutlo,

dikgopolo tsa pelo ya gagwe

go ya tshikatshikeng.

12Go sego morafe

o Jehofa e leng Modimo wa one;

batho ba o ba itshenketseng

gore e nne boswa jwa gagwe ka esi.

13Jehofa o okomela

a le kwa legodimong;

o bona bana botlhe ba batho;

14a le mo felong ga boago jwa gagwe,

o ntsha matlho

o a digela mo banning ba lefatshe.

15E bong ene

yo o bopang dipelo tsa bone botlhe,

yo o akanyang ditiro tsotlhe

tsa bone.

16Ga go na kgosi epe e e tleng

e bolokwe ke bontsi jwa ntwa;

motho yo o senatla

ga a ke a gololwa

ke thata e kgolo.

17Pitse ke selo sa lefela fela go boloka;

le gone ga e ketla e falodisa ope

ka thata e kgolo ya yone.

18Bonang, leitlho la ga Jehofa

le mo go ba ba mmoifang,

mo go ba ba solofelang

mo boutlwelongbotlhoko

jwa gagwe;

19go golola mowa wa bone mo losong,

le go ba tshedisa mo mosweleng.

20Mowa wa rona

o ntse o lebeletse Jehofa;

ke ene thuso ya rona,

le thebe ya rona.

21Gonne pelo ya rona

e tlaa itumela mo go ene,

ka gobo re ikantse

mo ineng la gagwe le le boitshepo.

22“Jehofa, a boutlwelobotlhoko

jwa gago bo nne mo go rona,

fela ka fa re solofetseng mo go wena

ka teng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help