JAKOBE 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tlhagiso mo bahuming

1Helang tlheng lona bahumi, lo lele, lo bokolelele dilo tse di matladika tse di tlang go lo wela.

2 Mahumo a lona a bodile, le diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwane.

3Gouta ya lona e jelwe ke morodu, le selefera sa lona; morodu wa tsone o tlaa nna tshupo e e lo sekisang, o tlaa ja nama ya lona jaaka molelo. Lo ipoloketse khumo ya lona mo metlheng ya bofelo.

4 Bonang, tuelo ya badiri ba ba segileng mabele a lona, e lo padileng ka yone ka tsietso, e a kua; le go gala ga ba ba robileng, go tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa masomosomo.

5Lo ntse lo tshela ka monate mo letlepung, lwa ikgatlha; lo ikotlile dipelo mo letsatsing la polao.

6Lo sekisitse, lwa bolaya mosiami; a sa ganele le lona.

Bopelotelele le thapelo

7Ke gone, bagaetsho, lo nne pelotelele, go tsamaye Morena a tle. Bonang, molemi o tla a lebelele loungo lo lo tlhokegang lwa lefatshe, a le pelotelele mo go lona, go tsamaye lo bone pula ya sephai le ya kgogolammoko.

8Le lona lo nne pelotelele; lo itiise dipelo; gonne go tla ga Morena go gaufi.

9Bagaetsho, lo se ka lwa ngongoregalana, gore lo tle lo se ka lwa sekisiwa; bonang, moatlhodi o eme fa mojako.

10Bagaetsho, lo ipeele sekao sa boitshoko le bopelotelele, ka baperofeti ba ba kileng ba bua mo ineng la Morena.

11 Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.

12 Bogolo go dilo tsotlhe, bagaetsho, lo se ka lwa ikana, le fa e le ka legodimo, le fa e le ka lefatshe, le fa e ka bo e le ka ikano nngwe e sele; a “Ee” ya lona e nne Ee, le “Nnyaa” ya lona e nne Nnyaa; gore lo tle lo se ka lwa wela mo tshekisong.

13A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a rapele. A mongwe o a itumela? A a opele pako.

14 A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena.

15Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa.

16Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.

17 Elija e ne e le motho yo o maikutlo a a tshwanang le a rona, mme a rapela ka thata gore pula e se ne; mme e se ka ya na mo lefatsheng ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.

18 A ba a rapela gape; mme legodimo la nesa pula, le lefatshe la ungwa maungo a lone.

19Bagaetsho, fa mongwe mo go lona a timetswe ke boammaaruri, mme mongwe a mo sokolola;

20 a a itse fa yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, a ba a bipa bontsi jwa dibe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help