PESALEMA 84 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go tlhologelelwa ntlo ya ModimoPesalema ya bomorwa Kora. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Getitha.

1Ana metlaagana ya gago

e mentlentle jang,

wena Jehofa wa masomosomo!

2Mowa wa me o tlhologeletswe,

ee, o idibalela fela malwapa

a ga Jehofa;

pelo ya me le nama ya me

di kurueletsa Modimo

o o tshedileng.

3Ee, thaga e iponetse ntlo,

le peolwane setlhaga,

fa e ka bayang mamphorwana

a yone gone,

e bong dibeso tsa gago,

Jehofa wa masomosomo,

Kgosi ya me, le Modimo wa me.

4Go sego

ba ba agileng mo ntlong ya gago;

ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.

5Go sego motho yo thata ya gagwe

e leng mo go wena;

yo ditsela tse di yang Sione

di leng mo pelong ya gagwe.

6Ba e reng ba ralala mokgatšha

wa Maselelo,

ba o phunye metswedi;

ee, pula ya sephai e o khurumetse

ka masego.

7Ba etla ba tlhomagantse

thata le thata;

mongwe le mongwe wa bone

o ya go bonala

fa pele ga Modimo mo Sione.

8Jehofa Modimo wa masomosomo,

a ko o utlwe morapelo wa me;

baya tsebe Modimo wa ga Jakobe.

Sela.

9Bona, Modimo thebe ya rona,

mme o lebe sefatlhogo sa motlodiwa

wa gago.

10Gonne letsatsi le le lengwe fela

mo malwapeng a gago, le gaisa

malatsi a a makgolo a le some.

Ke rata ka nna molebedi wa kgoro

mo ntlong ya Modimo

bogolo go go aga

mo megopeng ya boikepo.

11Gonne Jehofa Modimo

ke letsatsi le thebe;

o tlaa aba tshegofatso le kgalalelo;

ga go na sepe se se molemo

se o tlaa ganang ka sone mo go

ba ba tsamayang ka thokgamo.

12Jehofa wa masomosomo,

go sego motho yo o ikantseng

mo go wena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help