GENESISE 38 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Juta le Tamare

1Mme ga dirala ya re ka lobaka loo, Juta a huduga a tswa mo go bomorwa rraagwe, a menogela kwa monneng mongwe wa Moadulame, leina la gagwe go twe Hira.

2Juta a bona morwadia Mokanana mongwe gone, leina la gagwe go twe Shua; a mo tsaya, a tsena kwa go ene.

3Mme a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Ere.

4A ba a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Onane.

5A fela a bona ngwana wa mosimane gape, a mo raya leina a re, Shela. Juta a bo a le kwa Kesibe fa mosadi a bona ngwana yo.

6Juta a tseisa Ere ngwana wa gagwe wa ntlha mosadi, leina la gagwe go twe, Tamare.

7Ere, ngwana wa ntlha wa ga Juta a bo a le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme Jehofa a mmolaya.

8Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa go mogatsa mogoloo, o mo tlhatswe ka fa tshwanelong ya monnaa motho, o tsosetse mogoloo losika.”

9Onane a bo a itse fa losika e tlaa bo e se lwa gagwe; mme ga dirala e ne e tle e re a tsena mo go mogatsa mogolowe a thololele fa fatshe, gore e se ka ya re gongwe a tsosetsa mogolowe losika.

10Selo se o se dirileng se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme le ene a mmolaya.

11Foo, Juta a raya Tamare ngwetsi ya gagwe a re: “Nna fela mo ntlong ya ga rraago o le motlholagadi, e bo e tle Shela morwaake a gole.” A ithaya a re: “E se ka ya re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe.” Tamare a ya a nna mo ntlong ya ga rraagwe.

12Ya tla ya re motlha mongwe morwadia Shua, mosadi wa ga Juta, a swa; mme Juta a gomotsega, a tlhatlogela kwa babeoding ba dinku tsa gagwe kwa Timena, le tsala ya gagwe Hira wa Moadulame.

13Tamare a bolelelwa ga twe: “Bona, matsalaago o tlhatlogela kwa Timena go beola dinku tsa gagwe.”

14Mme a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka losire lwa gagwe, a ipopaganya, a dula fa kgorong ya Enaime o o fa tseleng e e yang Timena; gonne a bona fa Shela a setse a godile, a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe.

15E rile Juta a mmona a ithaya a re, ke seaka; gonne o ne a ipipile sefatlhogo.

16A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “Ke a go rapela, a re ye koo, o mme ke ye mo go wena;” gonne a sa itse fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme a re: “O tlaa nnaya eng gore o tle o tle mo go nna.”

17A re: “Ke tlaa go romela potsane ya dipodi e tswa kwa letsomaneng.” Mosadi a re: “A o tlaa mpeela sengwe o tle o tsamaye o bo o e tlise?”

18Mme a re: “Ke tlaa go beela eng?” A re: “Sekano sa gago, le mogala wa sone, le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” Mme a di mo neela, a ya mo go ene, a mo imisa.

19Tamare a nanoga a tsamaya, a apola losire lwa gagwe, a apara diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe.

20Juta a romela potsane ka seatla sa tsala ya gagwe ya Moadulame, gore a amogele peelo mo seatleng sa mosadi; mme a se ka a mo fitlhela.

21Foo a botsa banna ba ga gabo mosadi, a re: “Se kae seaka se se neng se le kwa Enaime ka fa tseleng?” Ba re: “Ga go ise go ke go nne seaka mono.”

22A boela kwa go Juta a re: “Ga ke a ka ka mo fitlhela; le bone banna ba felo foo ba re: ‘Ga go ise go ke go nne seaka mono.’ ”

23Juta a re: “A a se itseele, e se re gongwe ra tlhabisiwa ditlhong; bona, ke rometse potsane e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.”

24Ga dirala ya re e ka ne e le dikgwedi di le tharo morago, ga bolelelwa Juta ga twe: “Tamare ngwetsi wa gago, o akafetse; le gone o moimana ka boaka.” Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a fisiwe.”

25E rile a ntshediwa kwa ntle a roma kwa go matsalaagwe a re: “Ke ka monna yo dilo tse e leng tsa gagwe ke leng moimana ka ene; a ba a re ke a go rapela, sekaseka dilo tse, o bone gore ke tsa ga mang, sekano, le megala, le thobane?”

26Juta a di dumela a re: “Ee, tsa me;” a ba a re: “Ene o siame bogolo go nna: ka gobo ke se ka ka mo neela Shela morwaake.” Mme a se ka a ba a tlhola a mo itse.

27Ya re mo motlheng wa go belega ga gagwe, bonang, ga bo go le bana ba mafatlha mo sebopelong sa gagwe.

28Ga dirala ya re a iteka, mongwe a ntsha letsogo; mme mmelegisi a tsaya tlhale e khibidu a e bofelela mo letsogong la gagwe, a re: “Yo o dule pele.”

29Mme ya re a busa seatla, bonang, monnawe a tswa; mme mmelegisi a re: “O no o intsheletsang phatlha?” Ke gone ka moo leina la gagwe go tweng Perese.

30Morago ga tswa mogolowe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong; mme a rewa leina ga twe, Sera.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help