PESALEMA 106 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsuololo ya Iseraele

1 Bakang Jehofa.

A lo ko lo ntshetseng

Jehofa malebogo; gonne o molemo;

ka gobo boutlwelobotlhoko jwa

gagwe bo eme ka bosakhutleng.

2E mang yo o ka bolelang

ditiro tsa ga Jehofa tsa bonatla,

le fa e le go bonatsa

pako ya gagwe yotlhe?

3Go sego ba ba tshegetsang katlholo,

le ene yo o dirang tshiamo

ka metlha yotlhe.

4O tle o nkgakologelwe, Jehofa,

ka lesego

le o le ngoketseng batho ba gago;

a ko o ntekole ka poloka ya gago;

5gore ke tle ke bone go kokotlegela

ga baitshenkedwi ba gago,

gore ke tle ke ipele mo

go itumeleng ga morafe wa gago,

gore ke kgane ka boitumelo

le boswa jwa gago.

6Re leofile le borraetsho,

re ikepile, re dirile maswe.

7 Borraetsho ga ba a ka ba tlhaloganya

dikgakgamatso tsa gago

kwa Egepeto;

ga ba a ka ba gakologelwa bontsi

jwa mautlwelobotlhoko a gago;

mme ba nna dirukhutlhi fela

kwa lewatleng,

e bong kwa Lewatleng le Lehibidu.

8Le fa go ntse jalo a ba boloka

ka ntlha ya leina la gagwe,

gore a itsefatse

thata ya gagwe e e bonatla.

9 Le gone a kgalemela

Lewatle le Lehibidu,

mme la kgala;

jalo a ba goga a ba ralatsa

mo madibeng a a boteng

jaaka mo nageng fela.

10A ba dibela mo seatleng

sa yo o ba ilang, a ba rekolola

mo seatleng sa mmaba.

11Metsi a khurumetsa

baganetsi ba bone;

ga se ka ga sala ope wa bone.

12 E dira gone ba dumelang

mafoko a gagwe;

ba opela pako ya gagwe.

13Ba tloga ba lebala

ditiro tsa gagwe ka bonako;

ba se ka ba lebelela

kgakololo ya gagwe;

14 ba ineela thata

mo dikeletsong mo nageng,

ba leka Modimo

mo dipoweng tsa naga.

15Wa ba naya topo ya bone;

mme wa tsenya mowa wa bone

malolo fela.

16 Ba nna pelotshetlha

le mo go ene Moše,

mo bothibelelong,

le mo go Arone moitshepi

wa ga Jehofa.

17Lefatshe la phatloga

la kometsa Dathane,

la ba la bipa lesomo la ga Abirame.

18Molelo wa tshujwa

mo lesomong la bone;

kgabo ya fisetsa ruri baikepi.

19 Ba dira namane mo Horebe,

ba obamela setshwantsho

se se thetsweng.

20Jalo ba fetolela kgalalelo ya bone

mo setshwantshong sa kgomo

e e jang bojang.

21Ba lebala Modimo Mmoloki wa

bone, yo o dirileng

dilo tse dikgolo kwa Egepeto;

22ditiro tse di gakgamatsang

mo lefatsheng la ga Hame,

le dilo tse di boitshegang

fa Lewatleng le Lehibidu.

23Ke gone ka mo o rileng,

o tlaa ba senya,

fa Moše moitshenkedwi wa one

a ne a se ka a ema fa pele ga one

mo phatlheng, go faposa

bogale jwa one jo bo thata,

gore e se re kgotsa wa ba senya.

24 Ee, ba ne ba nyatsa lefatshe

le le natefang;

ba se ka ba dumela lefoko

la gagwe;

25ba ngongorega

ba le mo megopeng ya bone,

mme ba se ka ba reetsa

lentswe la ga Jehofa.

26Ke gone ka moo

a ba tsholeletsa seatla sa gagwe,

o re o tlaa ba digela mo nageng;

27 le gone a re,

o tlaa digela losika lwa bone

mo gare ga merafe,

a ba gasagasa mo mafatsheng.

28 Le gone ba ne ba ikopanya le

Baalepeore,

mme ba ja ditshupelo tsa baswi.

29Jalo ba mo tlhotlheletsa bogaleng

ka madiro a bone,

mme sebetso sa ba phagelela.

30Foo ga ema Finehase,

mme a dirafatsa tshekiso;

jalo sebetso sa khutlisiwa;

31mme moo,

a go balelwa fa e le tshiamo

go ya ditshikatshikeng tsotlhe

ka bosenabokhutlo.

32 Le gone ba mo gakatsa

kwa metsing a Meriba,

ga ba ga tla ga nna maswe

mo go Moše ka ntlha ya bone;

33ka gobo ba rukhutlhela

mowa wa gagwe,

mme a bua ka phorumelo

ka dipounama tsa gagwe.

34 Ga ba a ka ba senya ditšhaba,

jaaka Jehofa a ba laotse;

35ba itlhakanya le merafe,

ba ithuta ditiro tsa yone.

36Ba direla medimo ya yone

ya disetwa; e e tsileng

ya nna seru mo go bone;

37 ee, ba ntsha bomorwaa bone,

le bomorwadia bone ditlhabelo

tsa badimo.

38 Ba tsholola madi

a a se nang molato,

e bong madi a bomorwaa bone

ba ba ba iseditseng medimo

ya disetwa ya Kanana ditlhabelo;

lefatshe la leswefadiwa ke madi.

39Jalo ba tsenngwa leswe

ke ditiro tsa bone,

ba akafala mo madirong a bone.

40 Ke gone ka moo

tšhakgalo ya ga Jehofa

ya tukela batho ba gagwe,

a fedisiwa pelo

ke boswa jwa gagwe.

41Mme a ba tsenya mo seatleng

sa merafe;

mme ba ba ba ilang ba ba busa.

42Baba ba bone

ba ba patika le gone;

ba fenngwa, ba nna mo thateng

ya seatla sa bone.

43A ba golola gantsintsi;

le fa go ntse jalo

ba nna borukhutlhi fela

mo kgakololanong ya bone,

ba ba ba isiwa kwa tlase

mo boikepong jwa bone.

44Le fa go ntse jalo

a tlhokomela pitlagano ya bone,

mogang o utlwang selelo sa bone.

45A gakologelwa kgolagano ya gagwe,

a ikwatlhaya ka fa bontsing

jwa mautlwelobotlhoko a gagwe.

46A ba a dira gore

ba tlhomogelwe pelo

ke botlhe ba ba ba tshwereng

ba ba golegile.

47 Re boloke, Jehofa, Modimo

wa rona, o bo o re phuthe

go re ntsha mo merafeng,

go tla re ntshetsa leina la gago

le le boitshepo malebogo,

le go ja koma mo pakong ya gago.

48A go bakwe Jehofa, Modimo wa

Iseraele, go tswa bosasimologeng

go ya fela bosaengkae.

Mme batho botlhe ba re:

“A go nne jalo.” Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help